Tumelelo mo legaeng la batsofe


Ka ga | Se o tshwanetseng go se dira | Nako ya tiragatso | Tuelo ke bokae | Diforomo tse di tladiwang | O ka golagana le mang

 

Ka ga go kwadisa jaaka moreboladitirelo wa setheo se se ikaegileng ka setšhaba

Fa o rata go rebola tirelo e e ikaegileng ka setšhaba ya tlhokomelo le tshegetso go batsofe, o tshwanetse go dira kopo kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago. Tlatsa foromo e e tshwanang le Foromo 2.

Lefapha le tlamela ka matlole le tshegetso go mekgatlo e e rebolang ditirelo tse di farologaneng go batho le malapa a a tshwaeditsweng le go angwa ke HIV le AIDS. Mekgatlo e e tlamela ka ditirelo mo magaeng kgotsa mo setšhabeng go netefatsa gore ditlhoko tsa motheo tsa batho ba ba tshelang ka HIV le AIDS (PLWHA) di a fitlhelelwa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Fa o sa itse lefelo lepe fela la bonno, etela kantoro e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago go supa lefelo le le gaufi la bonno.
  2. Tlatsa le go busetsa diforomo tsa kopo kwa lefelong leo.
  3. Isa tse di latelang:
    • Lekwaloitshupo la Aforika Borwa.
    • Pegelo ya boitekanelo.
  4. O tla tlhatlhobiwa go bona gore a o tshwanelwa ke go amogelwa le thuso ka matlole.
  5. Fa o tsofetse thata kgotsa o lwala go ka ya kwa kantorong go dira kopo, kopa wa lelapa kgotsa tsala go go direla kopo
  6. Modirediloago o tla rulaganya go etela kwa lapeng la gago go bona maemo a o nna mo go ona
  7. Fa kopo ya gago e gannwe, o tla newa mabaka ka go kwala, o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago

Ela tlhoko: Go amogelwa kwa lefelong la bonno la batsofe go ikaegile ka go nna teng ga malao.

Nako ya tiragatso

Kopo ya gago e tla diragadiwa mo matsatsing a le 14 mme o tla amogela karabo ya go amogelwa ga gago mo matsatsing a le le 30 morago ga go isa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

Ditheo le ditlhoko di a farologana.

Diforomo tse di tladiwang

All forms are available at your nearest older persons residential facility.

O ka golagana le mang

 

Share this page