Kwadisa jaaka motlhokomedi wa batsofe

Ka ga | Se o tshwanetseng go se dira | Nako ya tiragatso | Tuelo ke bokae | Diforomo tse di tladiwang | O ka golagana le mang

Ka ga go kwadisa jaaka motlhokomedi wa batsofe

Fa o batla go rebola tlhokomelo ya fa gae  ya batsofe, o tshwanetse go kwadisa jaaka motlhokomedi kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

Go kwadisiwa jaaka motlhokomedi ke Lefapha la Tlhabololo ya Loago, moreboladitirelo yo o go thapileng o tshwanetse go netefatsa gore go tsenela katiso ya tlhokomelo ya fa gae le gore o tshotse setifikeiti se se supang gore o amogetse katiso go tswa kwa setheong se se kwadisitsweng le Bothati jwa Dithutego jwa Aforika Borwa (SAQA).

Motlhokomedi ke mongwe yo o thusang motho yo mongwe yo o sa kgoneng go tshela ka boena ka ntlha ya bogole mo mmeleng, jwa maikutlo kgotsa jwa tlhaloganyo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela kantoro e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
  2. Tlatsa Foromo 7.
  3. Isa tse di latelang:
    • khopi e e kannweng ya Lekwaloitshupo la gago kgotsa tetla ya bonno
    • khopi e e kannweng jaaka bopaki jo bo rebotsweng ke setheo sa katiso se o amogetseng katiso kwa go sona jaaka motlhokomedi.
  4. Fa o sena go kwadisiwa o tla rebolelwa setifikeiti sa kwadiso.
  5. O ka dira kopo ya khopi fa o ka latlhegelwa kgotsa wa senyegelwa ke setifikeiti sa nnete.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a le matlhano go diragatsa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

Ga go duelwe.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsotlhe di bonwa kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

O ka golagana le mang

 

Share this page