Kwadisa jaaka moreboladitirelo wa setheo se se ikaegileng ka setšhaba sa tlhokomelo le tshegetso ya batsofe

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa jaaka moreboladitirelo wa setheo se se ikaegileng ka setšhaba sa tlhokomelo le tshegetso ya batsofe

Fa o rata go tlamela ka ditirelo tsa setšhaba tsa tlhokomelo le tshegetso ya batsofe gaufi le fa o nnang teng, o ka dira kopo go Mokaedi-Kakaretso kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

Tlhokomelo e e ikaegileng ka setšhaba e netefatsa gore batsofe ba amogela tlhokomelo le tshegetso mo magaeng a bona mo teng ga setšhaba seo sebaka se se kgonegang.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela kantoro e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
  2. Tlatsa Foromo 2.
  3. Isa tse di latelang:
    • leanotiro la mokgatlo le lenane la ditirelo tse di rebolwang ke mokgatlo
    • maina le dikhopi tse di kannweng tsa ID tsa maloko a mokgatlo oo
    • molaotheo wa mokgatlo oo
    • setifikeiti sa kwadiso ya NPO, fa o kwadisitswe jaaka NPO
    • ditifikeiti dife fela tsa kwadiso kgotsa ditlankana tse di ka tshegetsang kopo
    • ditatamente tsa matlole tse di runnweng tsa bonnye dikgwedi tse thataro
    • maina le dintlha tsa tlhaeletsatso tsa Baruni
    • tshedimosetso ya lemorago ka ga go amogela dikatso tsa matlole mo malobeng
    • tlamela ka dintlha le dintlha tsa tlhaeletsano tsa batho/mokgatlo go tshegetsa kopo
    • tlhagisa metswedi yotlhe ya matlole/lotseno
    • kwadisa lenane la basiamelwa
    • kwadisa maina a badiri ba ba rebolang ditirelo.
  4. Modirediloago o tla tsaya loeto go netefatsa gore o kgotsofatsa ditsholofelo tsa Mokaedi-Kakaretso gore mokgatlo wa gago o tla tsamaisiwa le go tsholwa o ikobela meono le maemo.
  5. Fa lo di ikobela lo tla newa setifikeiti sa kwadiso – Foromo 3.
  6. Fa lo kwadisitswe mme lo retelelwa ke go ikobela meono le maemo, Mokaedi-Kakaretso a ka kgaotsa le go phimola mokgatlo wa lona, nako efe fela kgwedi morago ga go naya kitsiso mokgatlo wa lona le baamogedi ba ditirelo tse lo di rebolang.

Ela tlhoko: Ditirelo tsotlhe tse di ikaegileng ka setšhaba tsa tlhokomelo le tshegetso tse di kwadisitsweng di elwa tlhoko le go sekasekwa ngwaga le ngwaga go netefatsa gore di tswelela go ikobela meono le maemo a bosetšhaba.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a le matlhano go diragatsa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

Ga go duelwe.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsotlhe di bonwa kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

O ka golagana le mang

 

Share this page