Kopo ya lekwalo la taolo la serori

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kopa lekwalo la taolo la serori 

Fa o ikaelela go romela teng serori se sentšhwa kgotsa se se dirisitsweng, serori se se rwalang dithoto kgotsa kolotsana, serori se se dirilweng kgotsa se se tlhabolotsweng, o tshwanetse go bona pele lekwalo la taolo.

O tshwanetse go nna le lekwalo la taolo go sa tshwenye gore a serori se dirilwe mo Aforikaborwa kgotsa kwa nageng ya boditšhaba. Mefuta ya dirori e o tlhokang lekwalo la taolo ke:

  • dikoloi, dibese le dithuuthuu
  • dirori tsa dithoto (dillori kgotsa dibene) 
  • dikolotsana 
  • dirori tse di kgethegileng tse di jaaka dikereine, diterekere, metšhini e e robang dijalo

Dirori tsotlhe, go sa kgathalesege gore a di dirilwe mo Aforikaborwa kgotsa e rometswe teng, di tshwanetse go tsamaisana le ditlhokego tse di rulagantsweng mo Molaong wa Bosetšhaba wa Pharakano ya mo Tseleng, 1996. Baromelateng le bona ba tshwanetse go romela sesupo sa tsamaisano le Biro ya Maemo ya Aforikaborwa  (SABS).

Ela tlhoko: Ke fela motho yo serori se kwadisitsweng ka ena yo a ka tlatsang foromo. 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Bona foromo ya LoA1 go tswa kwa National Regulator for Compulsory Specifications (NRCS) kgotsa o e sitlhamolole mo.
  2. Tlatsa diforomo le go mametlelela ditokomane tse di latelang:
    • lekwaloitshupo (ID) la mokopi, kgotsa ID ya moemedi fa e le gore ke setlamo
    • afitafite ya serori e e dirilweng go tswa kwa Ditirelong tsa Sepodisa tsa Aforikaborwa. E tshwanetse go akaretsa dinomoro tsa enjene le tšheisi, dintlha ka botlalo tsa tiro e e dirilweng le motswedi wa dikarolwana (segolo tse di botlhokwa mo pabalesegong) 
    • setifikeiti sa kgololo sa Tirelo ya Sepodisa ya Aforikaborwa  
    • setifikeiti sa tshiamo ya tsela 
    • setifikeiti sa borogo jwa tekanyetso 
    • dinepe tse pedi tsa serori.
  3. Duela madi a a beilweng.

Nako ya tiragatso

Lekwalo la gago la taolo le tshwanetse go siama mo malatsing a le mane go ya go a le thataro.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

O ka golagana le mang

 

Sifiso Phakathi
Tel: 012 482 8865
E-mail: phakatsz@nrcs.org.za

Charlotte Makou
Tel: 012 482 8785
E-mail:makouck@nrcs.org.za

Call Centre
Tel: 012 482 8700

Share this page