Tshireletso ya molelo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go tlhama Mokgatlo wa Tshireletso Kgatlhanong le Melelo

O ka tlhama Mokgatlo wa Tshireletso Kgatlhanong le Melelo (FPA) go bonela pele, thibela, laola kgotsa go tima melelo ya naga mo lefelong la gaeno fa o le:

  • mong wa lefatshe
  • mohiri
  • Motlhankedikhuduthamaga wa bothati jwa selegae
  • o supilwe go laola lefatshe la Puso (go akaretsa lefatshe la Mephato ya Bosetšhaba ya Sesole sa Aforikaborwa)
  • laola lefatshe ka fa tlase ga ditaelo tsa Kgotlatshekelokgolo.

O tshwanetse go bo o nna mo lefelong le le :

  • itemogelang melelo ya tlhaga gantsi kgotsa
  • mo kotsing ya go tlhaselwa ke melelo ya tlhaga 
  • nang le dikgwa kgotsa dimela.

O ka se tlhame mokgatlo o le esi. Le tshwanetse go bo le le setlhopha sa batho ba ba welang mo maemong a a kailweng fa godimo e bile le nna mo lefelong le le lengwe.

Maikarabelo a lona jaaka Mokgatlo wa Tshireletso Kgatlhanong le Melelo e tla nna go:

  • tlhama le go dirisa leano la taolo ya molelo la lefelo la gaeno
  • lemoga maemo a tlhago a a ka bakang molelo
  • buisana le baagi ba lefelo la lona ka dielo tsa kotsi ya molelo
  • rulaganya le go katisa batho ba lefelo la lona go lwantsha, go laola le go thibela molelo
  • neela Tona ya Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodiretlhapi (DAFF) dipalopalo mabapi le melelo ya naga mo lefelong la lona
  • neela tshedimosetso e e tlhokwang ke Tona ka ga go thibela melelo ya naga

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Bitsa kopano ya batho ba ba nang le kgatlhego e bile ba tshwanelwa
  2. Fa go na le tirelo ya melelo, o tshwanetse go itsise mokgatlo oo ka go kwala gore o batla go tlhama mokgatlo o mongwe wa tshireletso kgatlhanong le molelo mme o laletse Motlhankedimogolo wa Molelo go tla kopanong.

    Tsaya metsotso ya kopano e e tshwanetseng go supa:

    • Gore a go na le tshegetso e e sa ganediweng ya go tlhangwa ga mokgatlo wa tshireletso kgatlhanong le molelo
    • Palo ya divoutu tse di dumalanang le go tlhangwa ga mokgatlo
    • Palo ya divoutu tse di kgatlhanong le go tlhangwa ga mokgatlo; le
    • Palo ya batho ba ba sa voutang gotlhelele mabapi le go tlhangwa ga mokgatlo.
  3. Kwala le go saena tumalano e e supang gore o karolo ya mokgatlo oo
  4. Tlhophang monnasetilo le komitikhuduthamaga
  5. Neela mokgatlo wa tshireletso kgatlhanong le molelo leina le tlhaloso ya lefelo la gaeno
  6. Tshola lenane la batho ba ba tlileng kopanong le dintlha tsa kgokagano tse di akaretsang aterese ya poso ya batho botlhe ba ba neng ba tlile kopanong.
  7. Sitlholola le go isa Foromo 1 ka fat lase ga diforomo tse di tladiwang, go ka dumelelwa ke DAFF.
  8. Fa DAFF e dumelela kopo ya gago o tshwanetse go sitlholola le go isa Foromo 2 mme o kgomaretse tse di latelang:
  • metsotso ya kopano
  • molaotheo wa FPA  le 
  • leanokgwebo la FPA, le le akaretsang leano la taolo le melao ya melelo ya naga

Nako ya tiragatso

Ga go nako e e beilweng

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala

Diforomo tse di tladiwang

Forms are available from the Department of Forestry, Fisheries and the Environment

O ka golagana le mang

 

Department of Forestry, Fisheries and the Environment

Tel: 012 319 6000 

Forestry Regulation & Oversight

Mr AR .Madula  

Tel: 012 309 5710

 

Fax: 012 309 5840

 

E-mail address: RennyM@daff.gov.za

Share this page