Kwadisa koporasi ya gago

Go re koporasi ya gago e tseewe semolao jaaka setho, o tshwanetse go e kwadisa kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC). Go ikwadisa le Mokwadisi wa Dikoporasi kwa CIPC, setlhopha sa gago se tshwanetse go nna le maloko a le matlhano kgotsa go feta.

Koporasi ke mofuta wa kgwebisano o o farologaneng o o abelang maloko a yone ka ditirelo le/kgotsa ditlhagisiwa. Merokotso, e mo koporasing e itseweng ka diphetiso, e kgaoganyetswa maloko go ya ka bontsi jwa kgwebisano jo leloko lengwe le lengwe le e dirileng le koporasi.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le dikoporasi mmogo le diforomo tse di dirisetswang go e kwadisa kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

 

Share this page