Go kwadisa setheo sa legae la batsofe

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa setheo sa legae la batsofe

Fa o rata go kwadisa setheo sa legae la batsofe o le esi kgotsa jaaka mokgatlo, o tshwanetse go dira kopo kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Etela kantoro e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
  • Tlatsa foromo ya kopo ya 9.
  • Morago ga go isa kopo ya gago o tla newa lekwalo la kamogelo jaaka bopaki jwa kopo ya gago.
  • Modirediloago o tla laletsa bannaleseabe ba bangwe jaaka modiri wa tsa boitekanelo jwa tikololo le motlhankedi wa boitekanelo go sekaseka le go tlhatlhoba lefelo la bonno.
  • Morago ga ketelo ka bannaleseabe, pegelo ya diphitlhelelo e tla romelwa kwa kantorong Lefapha la Tlhabololo ya Loago kwa kopo ya gago e tla dumelwang, e tla dumelwang ka mabaka a a rileng, kgotsa ya ganwa teng. 
  • Fa o ganana le tshwetso, o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago mo matsatsing a le 90 a go amogela kitsiso.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya dibeke tse nne go diragatsa kopo ya gago.

Tuelo ke bokae

Kopo ka boyona ke mahala, fela o tla duelela ditifikeiti tse dingwe jaaka setifikeiti sa boitekanelo jwa tikologo.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsa kopo di bonwa kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago Social Development office.

O ka golagana le mang

 

Share this page