Kopo ya kabo go ya ka Kabogape ya Lefatshe go tsweletsa lenane la Tlhabololo ya Temo (LRAD)

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala  

 

 

Tlhaloso

Kabogape ya lefatshe go tsweletsa lenane la temo e tlhamilwe go thusa baagi bao ba neng ba itlhokomologilwe go tswa merafeng ya Bantsho, Bammala le MaIntia go neelwa lefatshe kgotsa didiriswa tsa temo segolo setonna ka maikemisetso a go lema.

Go atlega, o tshwanetse wa:

  • nna mongwe wa setlhopha sa merafe e (Bantsho, Bammala kgotsa MaIntia)
  • otshwanetse o be le dingwaga di le 18 kgotsa go feta
  • ikaelela go dirisa lefatshe mo mabakeng a temo fela
  • maikaelelo a go lema goya goile
  • se tshole maemo ape mo ditheong tsa puso
  • nna mo boemong jwa go nna le kabelo
  • ikaelela go tsaya karolo mo mananeng a katiso morago ga go bona lefatshe
  • lwa bo lo le setlhopha se se ipopileng fa lo dira
  • nna le akhaonto ya banka.

Basadi le bašwa ba tlhotlholetswa go dira dikopo. Botlhe ba e leng boradipolotiki  mme e le bantlhankedi ba puso kgotsa badiredipuso  ba ka se amogelwe.

Balemirui ba ba atlegileng ba ikaelela go katolosa tsamaiso tsa bona, ba ka dira dikopo tsa kabo tse dingwe, fela dikopo tsa mothale o di lebisitse motho a le mongwe, ga di a tshwanela go feta R100 000. Go feta fao thoto ya go simolola kgotsa katoloso ya porojeke ya kgwebo e tshwanetse go tswa kwa bankeng.

Kabo ya LRAD ga e tlhoke go duelwa jaaka mokitlana. Go didiriswa mokgwa o o rileng go bona gore motho o tla newa bokae. Go kgona go amogedisiwa kabo e ya R20 000, o tla tshwanelwa ke go ntsha bokana ka R5 000. Madi a o a ntshang, a go pateletse gore o be le madi ka yona nako eo, (Cash) - a tla nna a ditlamelo tsa temo, leruo le dithoto dingwe tsa temo. Le fa go neelwa diatla (thuso) mo porojekeng e, e tla kaiwa jaaka neelo fela.

Dikgato tse di latelwang

  • Supa lefatshe le o batlang go le reka. Fa o na le lefatshe le o ka le dirisang la setšhaba.
  • Ikopanye le Lefapha la Merero ya Lefatshe kgotsa motlhankedi wa tsa temo yo o neetsweng boikarabelo go dira kopo ya kabo.
  • Romela tse di latelang le kopo:
    • leano la go supa tiriso ya lefatshe (tshisinyo ya porojeke)
    • karolwana e e ka rekiwang ka tuelo e e dumalanweng, fa e adimiwa
    • neela ka maina a balosika kgotsa maloko a setlhopha, fa tshisinyo e le setlhopha
    • netefatsa setlhogo sa lefatshe sentle e nne lefatshe le le sa bakweng, le kwadisitswe ka moreki le tuelo e e rerwang e sa nne godimo go eo e tlhatlhositsweng ya tuelo
    • bopaki bo supa gore matlole a a setseng a teng (go tswa mo mading a tumalano ya kadimo)
    • pego e e tlhatlhobilweng.

Boemo jwa tirelo

Tsamaiso  e tla tsaya bonnye jwa dikgwedi di le nne fela fa diporojeke tse di kopakopaneng di ka tsaya lobaka.

Tlhotlhwa

Bokana ka R20 000 e tla dira gore go kopiwe kabo e nngwe (tuelo ya madi a amo seatleng/kontane) kgotsa ka batho a kana ka R5 000. o ka nna wa bona madi a a sa feteng R100 000, a tla kopiwa go tswa mo dikabong tsa madi a a kana ka R400 000. Magareng ga bonnye le bogolo jwa dipalo tse, go na le tekanyo ya dikabo tse di ikaegileng mo kabong ya batsayakarolo.

Diforomo tse tladiwang

O tla fiwa foromo go tlatsa kwa dikantorong tsa porofense ya Lefapha la Merero ya Lefatshe kgotsa mo kantorong  e e atolositsweng ya temo.

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Share this page