Ikwadise le Deedsweb

Fa e le gore o modirisi wa DeedsWeb, o ka iponela tshedimosetso e e latelang go tswa mo webesaeteng ya teng:

  • Tshedimosetso e e ka ga dintlhakwadiso tsa go kwadisiwa ga dithoto tse di sa thotegeng, e e jaaka:
    • maina, dintlha tsa boitshupo mmogo le maemo a lenyalo a beng ba dithoto
    • ditshupetso tsa tsereganyo tse di tlhatlhetsweng kgatlhanong le bang ba dithoto mmogo le dintlha tsa phetiso ya thoto, go akaretsa matlha a go ikwadisa mmogo le tlhwatlhwa eo di rekisiwang ka yona
    • dintlha tse di ka ga dikoloto tsa dintlo mmogo le maina a badiradikoloto tseo tsa dintlo go akaretsa le ditlhwatlhwa tsa madi
  • dikhophi tsa ditokomane le tsa makwalokano a tulo tsa eleketeroniki (tseo di leng mo sebopegong sa PDF) di ka tswa di le mo mofuteng wa sekene kgotsa wa makerofilimi.

Go fitlhelela dintlha tseno, o tshwanetse wa bo o le modirisi yo a ikwadisitseng wa DeedsWeb jaaka go na le madi a a duedisiwang. Letlhomeso la Dituelelo tse di tlhalosiwang ke Molao wa Makwalokano a Tulo wa 1973,le teng mo webosaeteng.

Ikwadise mo go DeedsWeb.

Share this page