Tsela ya go bega go ipaya ka bodipa mo lefatsheng

Batho ba ka ipaya ka bodipa mo fatsheng la mmuso (lefatshe le le laolwang ke puso ya bosetšhaba gongwe ya porofense gongwe lekgotlatoropo) le lefatshe la poraefete go se ka fa molaong.

Puso e na le maikarabelo a molaotheo a go netefatsa - fa go tlhokega mme go na le ditlamelo - gore baagi botlhe ba itumelela ditshwanelo tsa motheo tsa go fitlhelela lefatshe le dintlo. Fa go nna le boipei jwa mogoso, puso le teng foo e na le maikarabelo a a tshwanang le ao go thusa beng ba lefatshe la poraefete go sireletsa lefatshe la bona.

Moo baipei ba ba seng mo molaong ba ditshwanelo tsa bona tsa motheo di seng mo matshosetsing, ba tshwanelwang ke go tlosiwa, mong wa lefatshe la poraefete o tshwanetse gore ka ntle ga go senya nako, a ye kwa kgotlatshekelo go kopa taelo ya go tlosa go ya ka Molao wa go Thibela go Tlosa Baipei mo go Seng mo Molaong le go Ipaya ka Bodipa mo Lefatsheng mo go Seng mo Molaong, 1998 (Molao wa bo19 wa 1998). Ga jaanong molao oo o tsamaisiwa ke Lefapha la Manno a Batho mme o tla fetisediwa kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga (DRDLR) mo tsamaong ya nako.

Fa go ipeilwe ka bodipa mo lefatsheng la gago la poraefete, o ka ikopanya le:

  • kgotlatshekelo kwa ntle ga go senya nako go bona taelo ya tloso gongwe phuduso go ya ka Molao wa go Thibela go Tlosa Baipei mo go Seng mo Molaong le go Ipaya ka Bodipa mo Lefatsheng mo go Seng mo Molaong, 1998.
  • kantoro nngwe le nngwe ya DRDLR go bona thuso fa go ipaya mo lefatsheng go dirilwe ka ntlha ya fa baipei ba tlhoka phitlhelelo ya lefatshe la temothuo.
  • lekgotlatoropo la selegae la lefelo leo gongwe, fa go tlhokega, Lefapha la porofense gongwe la bosetšhaba la Manno a Batho go bona thuso fa baipei ba tlhoka dintlo.

DRDLR e tla:

  • thusa baipei ba ba seng mo molaong ba lefatshe la mmuso gongwe la poraefete ba ba tlhokang mme ba se na lefatshe la go lema, go bona lefatshe le le maleba la temothuo
  • thusa bothati jo bongwe jwa puso go bonela baipei ba ba seng mo molaong ba ba tlhokang dintlo lefatshe le lengwe le le maleba
  • fa go tlhokega mme go na le maemo a a kgethegileng, le tla thusa beng ba poraefete ba lefatshe la temothuo ba go ipeilweng e se ka fa molaong mo lefatsheng la bona, go fudusetsa baipei ba ba tlhokang lefatshe la temothuo go ya kwa lefatsheng le lengwe le le maleba.

Batho ba ba tlhokang lefatshe la temothuo ba ka latela DRDLR go bona thuso ya go bona lefatshe le le maleba la temothuo

Batho ba ba tlhokang dintlo ba ka latela lekgotlatoropo la selegae gongwe, fa go tlhokega, Lefapha la porofense gongwe bosetšhaba la Manno a Batho go bona thuso.

Go bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le go tsibogela go ipaya ka bodipa mo lefatsheng, golagana le Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.

 

Share this page