Dira kopo ya go kwadisa maina a mafelo (ya go fetola maina) kwa Sefalanatshedimosetsong sa Lekgotla la Maina a Mafelo mo Aforika Borwa

Maina a mafelo ke maina a dikarolo dingwe mo lefatsheng tseo di leng tsa tlhago kgotsa tseo di leng tsa taolelo le tirisetso. Sefalanatshedimosetso sa Lekgotla la Maina a Mafelo mo Aforika Borwa se samagane le mebila, meago le dikwaere tsa metseteropo, mafelo a botlhabakgobe le mabitla a selegae, mmogo le meago e e seng ya puso, diteropo, disabapo, bonno jwa batho, dikantoro tsa poso, diteišene, maemelafofane, maemelakepe le mebila e megolo ya naga, go akaretsa le mafelo a a ikagileng ka boone a a jaaka dithaba, meedi, dinoka, matamo a a golaganeng le mawatle, dintshi tsa mawatle, ditlhake tsa lefatshe, mafelo a metswedi mmogo le mafelo a botlhabakgobe a bosetšhaba. Go fetola leina la lefelo, dira kopo kwa Sefalanatshedimosetsong sa Lekgotla la Maina a Mafelo mo Aforika Borwa se se gaufi le wena kgotsa kwa lekgotleng la maina a mafelo la porofense ya gaeno.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go dira kopo ya go fetola maina mo Sefalanatshedimosetsong sa Lekgotla la Maina a Mafelo mo Aforika Borwa kgotsa letsetsa Lefapha la Botsweretshi le Setso mo go 012 441 3255 / 3000.

 

Share this page