Kopo ya tumelelo ya bonno ba leruri modiri

Aforika Borwa e itumelela bafudugedi ba ba leng mo seemong sa go tsayakarolo e e mosola mo go atoloseng motheo wa ikonomi ya Aforika Borwa.

Pele o ka dira kopo ya tetla ya bonni jwa leruri, o tshwanetse gore pele o tlhalose gore goreng o tshwanetse go tsewa jaaka motho yo a sa ilediweng gongwe motho yo a sa eletsegeng.

Wena le molekane wa gago le na le tshiamelo ya tetla ya tlhamalalo ya bonni jwa leruri fa le ntse mo Aforika Borwa ka ntlha ya tetla ya lona ya tiro sebaka sa bonnye jwa dingwaga di le tlhano. Baikaegi ba baagi ba Aforika Borwa gongwe batshodi ba ditetla tsa bonni jwa leruri le bona ba ka dira kopo.

Ditetla tsa bonni ka ntlha ya mabaka a mangwe di dira mo go batswakwantla bao ba:

  • nang le thebolelo ya tiro ya leruri mo Aforika Borwa
  • nang le bokgoni le borutegi jo bo kgethegileng
  • ikaelelang go simolola kgwebo mo Aforika Borwa
  • nang le tshiamelo ya botshabelo go ya ka Karolo ya 27(c) ya Molao wa Botshabelo
  • nang le tshiamelo jaaka batho ba ba rotseng tiro
  • ikemetseng mo go tsa ditšhelete gongwe
  • e leng masika (ka tsalo gongwe ka go tsewa semolao) a moagi wa Aforika Borwa gongwe motshodi wa tetla ya bonni jwa leruri.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga tsamaiso ya go dira kopo ya bonni jwa leruri, kgotsa golagana le Lefapha la Merero ya Selegae

 

Share this page