O ka dira kopo ya boagi jwa Aforika Borwa ka tatelano ya losika gongwe ka mokgwa wa setlwaedi.
Gape o ka dira kopo ya go somarela boagi jwa gago pele ga o ka bona boagi jwa naga e nngwe. Kwa ntle ga fa o setse o reboletswe go tshola boagi jwa gago pele ga o ka bona boagi jwa naga e nngwe, o tla latlhegelwa ke boagi jwa gago jwa Aforika Borwa ka itiriso.
O ka dira kopo ya go busediwa boagi jwa gago jwa Aforika Borwa fa o le moagi wa maloba ka tsalo gongwe tatelano ya tsalo mme o boetse mo Aforika Borwa leruri.
O ka fedisa boagi jwa gago jwa Aforika Borwa fa o ikaelela go bona boagi jwa naga e nngwe.
O ka dira kopo ya go gololwa mo go latlhegelweng ke boagi fa o bone boagi jwa naga e nngwe pele ga 6 Diphalane 1995.
Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga boagi kgotsa etela Lefapha la Merero ya Selegae.