Kopo ya go kwadisa tshwanelo ya tiro

Tetlakgatiso e sireletsega ka ponyo ya leitlho fa o sena go dira boitshimoledi jwa gago jo batho ba kgonang go bo bona kgotsa go bo utlwa jo bo jaaka buka, metako kgotsa mmino. Boitshimolelo jo bontsi jo bo nang le matshwanedi a tshireletso ya tetlakgatiso ga bo tlhoke go kwadisiwa kgotsa ditsela tse dingwe tsa semolao, ntle le difilimi tse di tshamekang kwa sinema.

O ka itirela tetlakgatiso ya gago ka go tsenya lefoko “tetlakgatiso” kgotsa mafoko “tetlakgatiso e na le beng” kgotsa wa tsenya letshwao le le itsegeng lefatshe ka bophara la tetlakgatiso mme le latelwa ke leina la gago le ngwaga, sekao © Baloyi 2011 mo boitlhameding jwa gago.

Le fa go le jalo, fa e le gore o batla go nna le tetlakgatiso mo filiming, mo DVD le mo bidiong, o tshwanetse go dira kopo kwa Mokwadising wa Tetlakgatiso ka go dirisa diforomo tse di laetsweng.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go kwadisa tshireletso ya dikakanyo tsa gago tsa kgwebo kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

 

Share this page