Kopo ya go kwadisa moakanyetso

Kwadisa boitlhamedi jwa gago kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) go iponela ditokelo tse di ikgethileng tsa go ka dirisa boitlhamedi le tsa go thibela ba bangwe go ka go bo dira, go bo tshidisa mawatle kgotsa go bo dirisa.

Boitlhamedi bo farologaneng ka dikarolo di le pedi tseo o ka di kwadisang: e leng boitlhamedi jo bontle le boitlhamedi jo bo mosola. Boitlhamedi jo bontle bo na le sebopego se se ikgethileng, mobetlo kgotsa thulaganyopetlo e e lebegang. Boitlhamedi jo bo mosola bo na le sebopego se se ikgethileng kgotsa mobetlo o o tlhokegang mo tirisong ya bone. Boitlhamedi jo bontle bo sireletsega semolao dingwaga di le 15 fa boitlhamedi jo bo mosola bo ne bo sireletsega semolao dingwaga di le 10.

O tshwanetse go ntšhwafatsa kwadiso ngwaga mongwe le mongwe pele ngwaga wa bo raro o konosela, morago ga letlha le o tsentseng kopo.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go kwadisa boitlhamedi jwa gago kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

 

Share this page