Kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ta phitlhelelo ya tshedimosetso

Maitlhomo a Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelego ya Tshedimosetso ke go netefatsa gore batho ba dirisa ditshwanelo tsa bona tsa molaotheo tsa go fitlhelela tshedimosetso efe fela e e tshotsweng ke:

  • puso
  • motho yo mongwe, e e tlhokegang go ka dirisa kgotsa go sireletsa tshwanelo e e rileng.

Lebaka la go tsenya tirisong tshwanelo ya go fitlhelela tshedimosetso ke go rotloetsa tlwaelo ya go se nne bofitlha le go nna le maikarabelo ga ditheo tsa botlhe le tsa poraefete, le go rotloetsa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba kgonang go fitlhelela tshedimosetso go ba kgontsha go dirisa le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.

Ke tshedimosetso efe, e e tshotsweng ke mafapha afe a puso kgotsa setheo sefe sa botlhe, e e ka fitlhelelwang?

O ka kopa go bona ditlankana le direkoto tse di tshotsweng ke Lefapha, batlhankedi ba lona kgotsa setheo sefe fela sa botlhe. Ga go kgathalatsege gore tshedimosetso eo e nnile teng leng. Tsona di akaretsa tse di latelang:

  • direkoto tsa sebele tse di tshotsweng ke lefapha kgotsa setheo sefe sa botlhe
  • tshedimosetso kgotsa direkoto tsa letlhakore la boraro, fela ka tetla go tswa go letlhakore le le amegang, segolo fa ditlankana di na le tshedimosetso ya sephiri kgotsa ya poraefete
  • tshedimosetso e phitlhelelego ya yona e sa kganelweng ke Molao wa TsweIetso ya Phitlhelelego ya Tshedimosetso
  • direkoto tsa kabinete le dikomiti tsa yona
  • direkoto tse di amanang le ditiro tsa boatlhodi tsa kgotlatshekelo
  • tshedimosetso e e:
    • fitlheletsweng ke lekgotla le le tlhomilweng go ya ka molao
    • tshotsweng ke motlhankedi wa boatlhodi wa kgotlatshekelo kgotsa lekgotla leo
    • tshotsweng ke leloko la palamente kgotsa wa kokoanopeomolao ya porofense.

Molao wa TsweIetso ya Phitlhelelego ya Tshedimosetso ga o a tshwanela go dirisiwa fa:

  • rekoto e kopiwa gore e dirisiwe mo ditiragalong tsa bosenyi kgotsa tsa selegae
  • tiragalo ya bosenyi kgotsa ya selegae e setse e simolotse.

Le fa go le jalo, Molao wa Phitlhelelego ya Tshedimosetso o kwa godimo ga molao kgotsa molawana ofe fela o o ka go kganelang kgotsa go go thibela go fitlhelela tshedimosetso efe.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Kopa Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso wa lefapha la puso le le maleba go go thusa go fitlhelela tshedimosetso kgotsa ditlankana tse o di tlhokang.
  2. Tlatsa le go romela Form 2: Kopo ya go fitlhelela rekoto ya setheo sa botlhe. O ka e bona go tswa kwa lefapheng kgotsa wa e sitlholola fa tlase fa.
  3. Fa tshedimosetso e o e tlhokang e sa bonwe mahala, o tla tshwanelwa ke go duela madi a kopo (ka tsela ya ditemepe tse di dueletsweng). O ka tshwanelwa gape ke go duela madi a phitlhelelo le go batla (leba lenane la dituelo fa tlase).
  4. Fa o kopa tshedimosetso go tswa go setheo sa botlhe, ga o pateletsege go tlhalosa lebaka la go batla go diragatsa kgotsa go sireletsa tshwanelo ya gago.

Nako ya tiragatso

  • Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go tsiboga mo matsatsing a le 30 a go amogela kopo ya gago.
  • Fa Motlhankedi kgotsa Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso a go ganela ka tetla ya go fitlhelela tshedimosetso e e kopilweng, o ka tlhatlhela ngongorego le tona e e maleba ya lefapha kgotsa setheo sa botlhe se se amegang.
  • Fa o sa ntse o sa kgotsofalela ditlamorago, o ka isa ntlha e kwa kgotlatshekelo.
  • Motlhankedi kgotsa Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla go thusa mo ntlheng e.
  • Fa tshedimosetso e o kopileng e sa tsholwa ke ya lefapha le le maleba, mme e tshotswe le setheo sefe sa botlhe, Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla fetisetsa kopo ya gago go Motlhankedi wa Tshedimosetso wa setheo sa botlhe se se maleba mo matsatsing a le 14
  • Setheo se se maleba sa botlhe se tshwanetse go tsibogela kopo ya gago mo matsatsing a le 30 jaaka go beilwe. O tla itsisiwe ka go fetisediwa ga kopo ya gago go setheo sa botlhe se se maleba.

Diforomo tse di tladiwang

PAIA Forms
 

O ka golagana le mang

Fa o tlhoka thuso kgotsa o na le dipotso tse dingwe mabapi le go fitlhelela tshedimosetso e e tshotsweng ke lefapha lefe fela kgotsa setheo sefe sa botlhe, tsweetswee golagana le motlatsa-motlhankedi wa tshedimosetso kgotsa motlhankedi wa tshedimosetso wa lefapha kgotsa setheo sa botlhe se se maleba.

Share this page