Thekontle ya dikumo tsa nama e e sitsweng go tla/feta mo Aforikaborwa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga thekontle dikumo tsa nama e e sitsweng go tla/feta mo Aforikaborwa

Fa o batla go rekantle dikumo tsa nama e e sitsweng (sk. e apeilwe, e bedisitswe, e omisitswe) go tla mo Aforikaborwa kgotsa go di fetisa mo Aforikaborwa, o tshwanetse go dira kopo ya go neelwa phemiti ya thekontle ya diphologolo kgotsa phemiti ya phetiso kwa Mokaeding wa Boitekanelo jwa Diphologolo. O tshwanetse go bona phemiti e pele dithoto di tloga kwa nageng e di rekwang kwa go yona.

Mokaedi wa Boitekanelo jwa Diphologolo mo Aforikaborwa o tla rebola phemiti ya thekontle ya diphologolo kgotsa phemiti ya phetiso ya dikumo tsa nama e e sitsweng ya dinaga tse a sekasekileng le go amogela ditirelo tsa diphologolo le maemo a boitekanelo jwa diphologolo kwa go tsona.

Go na le ditsamaiso tse di farologang tsa thekontle go ya ka dikumo le maemo a boitekanelo jwa diphologolo mo dinageng tse di farologaneng. Jaaka ditlhokego tsa boitekanelo di fetogafetoga, golagana le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo.

Go dira kopo ya diphemiti tsa dikumo tsa nama go gweba ka tsona, o tshwanetse go bo o le mo ditlamong tsa Aforikaborwa kgotsa moemedi wa Aforikaborwa yo o tlhophilweng ke setlamo sa boditšhaba.

Diphemiti tsa thekontle ya diphologolo di dira mo pakeng e e lekanyedtsweng ya morwalo o le mongwe.
 
Mo mabakeng a dikumo tsa nama tse di mo ditshoding tse di tswetsweng o tshwanetse go bona tumelelo go tswa go -South African Bureau of Standards (SABS).

Se o tshwanetseng go se dira

  • Tlatsa foromo ya Kopo ya go reka diphologolo le dikumo tsa diphologolo kwa ntle ga Aforikaborwa.
  • Fa dikumo di feta mo Aforikaborwa, o tshwanetse go isa khopi ya phemiti ya thekontle ya diphologolo go tswa kwa nageng e di yang kwa go yona mmogo le kopo ya phemiti ya phetiso mo Aforikaborwa. 
  • Tsenya madi a tuelo mo akhaontong ya Lefapha:
    Leina la banka: Standard Bank of South Africa
    Mong wa akhaonto: National Department of Agriculture
    Nomoro ya akhaonto: 011219556 International Band
    Lekala: 010845
    IB brand 0001982 Centre Code
    Swift Code: SBZA-ZAJJ
    Leina la lekala: Arcadia.
  • Dituelo di ka dirwa le kwa dikantorong tsa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.
  • Referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa morekantle.
  • Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo go:
    The Director: Animal Health
    Import Export Policy Unit
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001
    South Africa.
  • Ga go dikopo tse di tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo. Bopaki jwa tuelo bo tshwanetse go romelwa ka fekese go: 012 329 8292 e lebisitswe: Ina Labuschagne.
  • Tsweetswee tlhalosa mo foromong gore a o tla ya go tsaya phemiti kgotsa o e romelelwe ka poso.
  • Morago ga go amogela foromo ya kopo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo, Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo di tla rebolwa mme di romelwa kwa go wena.
  • O tshwanetse go bona setifikheiti sa boitekanelo jwa diphologolo go tswa go bothati jwa naga e o rekang kwa go yona pele dikumo tseo di romelwa. Setifikheiti se sa boitekanelo se tshwanetse go ikobela melawana e e tlhagelelang mo phemiting ya thekontle ya diphologolo ya Aforikaborwa kgotsa e le e e buisanetsweng ke bothati jwa tsa diphologolo jwa Aforikaborwa le jwa naga e e romelang ntle. Fa o tlhoka tshedimosetso malebana le ditlhokego tsa kumo e e rileng ya diphologolo, o ka bona dikhopi tsa dikao tsa Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo go tswa Kantorong ya Diphemiti.
  • O tshwanetse go bontsha Motlhankedi wa Taolo ya Direkwantle mo Aforikaborwa dilo tse di latelang kwa bogorogelong:
    • Phemiti ya Tota ya Thekontle ya Leruo
    • Setifikheiti  sa Tota Boitekanelo jwa Leruo.
  • Dithoto tsotlhe tsa nama di tshwanetse go tlhatlhobiwa kwa mafelong a a tlhagelelang mo phemiting ya thekontle:
    • Durban - Mogala. 031 337 4346/7
    • Cape Town - Mogala. 021 551 2050
    • City Deep (tse di tswang fela kwa dinageng tse di mabapi): Mogala. 011 613 1636.
  • Maikarabelo a dituediso tsa banka le dituediso tsa Banka ya naga e nngwe ke a gago, lefapha le ka se rebole phemiti fa tlhotlhwa yotlhe ya ZAR 120 e ise e amogelwe. (E sekasekwa ngwaga le ngwaga mme e phasaladiwa mo teng ga Kuranta ya Puso).

Nako ya tiragatso

Fa motlhankedi wa tsa diphologolo kwa kantorong ya bosetšhaba a setse a amogetse thekontle, go tsaya matsatsi a tiro a le mararo go ya go a le matlhano go diragatsa kopo le go rebola phemiti.

Tuelo ke bokae

R220

O ka golagana le mang

 

Share this page