Thekontle Ya Tlhapi Ka Maikaelelo A Kgwebo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya phemiti ya thekontle ya ditlhapi go gweba ka tsona

Go rekantle tlhapi, jaaka tlhapi ya lewatle go dira morokotso, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.

Tona ya Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kgotsa bothati jo bo tlhophilweng o tla go naya phemiti.

Go na le dikganelo tse di latelang mabapi le thekontle:

  • Thekontle ya abalone le ditshika tse dingwe tsa loboseta ga e a letlelelwa.
  • O ka rekantle fela mankakarapi e e suleng dikgapetla (kgotsa dikarolwana tsa yona) tsa bokete jwa 600 g e le nngwe kgotsa go feta mme e seng go feta ditone tse 25 tsa thekontle ka ngwaga.
  • O ka se rekentle mankakarapi o o tshelang.

Ela tlhoko: Phemiti ya thekontle ga e akaretse tlhapi ya metsi a a foreše.

Go retelelwa ke go ikobela dipeelo tse go ka baka gore phemiti ya gago e sekegwe kgotsa go phimolwa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Kopa foromo ya kopo kwa Lekaleng la Taolo ya Bodirelatlhapi (Fisheries Management Branch) kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi mo boalong jo bo kwa tlase, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town.
  2. Buisa foromo ya kopo ka tlhoafalo mme o netefatse gore o kgotsofalela ditlhokego le dipeelano.
  3. Tlatsa diforomo tsa kopo ka go neela tshedimosetso e e latelang:
    • aterese ya lefelo la baromelantle kwa nageng e morwalo o tswang kwa go yona
    • maina a a tlwaelegileng le a saenthifiki a ditshika tse di romelwang ntle
    • palo ya ditshika tse o batlang go di reka ntle.
  4. Kgomaretsa tse di latelang mo foromong ya kopo:
    • khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo le ditlankana tsa kwadiso tsa setlamo, koporasikopelo kgotsa terasete
    • dikhopi tse di kannweng tsa diphemiti tsa thekontle tse di dirang go tswa kwa Lefapheng la Kgwebisano le Intaseteri (Department of Trade and Industry) kgotsa dikitsiso tsa diphemiti tsa International Trade Administration Commission.
    • Setifikheiti sa tumelelo jaaka se rebotswe ke Tirelo ya Lotseno ya Aforika Borwa.
  5. Duela tlhotlhwa e e beilweng mo akhaontong e e latelang:
    Banka: First National Bank
    Nomoro ya akhaonto: 62123256382
    Mofuta wa akhaonto: Current
    Leina la akhaonto: Marine Living Resources Fund
    Leina la lekala: Corporate Account Services Cape Town
    Khoutu ya lekala: 204-109
    Leletsa tikwatikwe ya tirelo ya badirisi mo go 021 402 3911 gore o newe referense
  6. Isa kopo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012, kgotsa e ise kwa Lekaleng la Bodirelatlhapi le Jalo ya Dikgwa mo boalong jo bo kwa tlase, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town. O tshwanetse go posa kgotsa go isa dikopo tsa tota, e seng jalo o ka se newe phemiti.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a tiro a le 7 kgotsa go feta, fa fela kopo e dirilwe sentle.

Tuelo ke bokae

Customer Service Centre

Diforomo tse di tladiwang

Bona foromo ya kopo ya phemiti ya thekontle go tswa kwa lekaleng la Tsamaiso ya Bodirelatlhapi ya Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town: GroundFloor, Branch: Fisheries  Management, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town (Customer Service Centre).

O ka golagana le mang

 

Call Centre
Tel: +27 12 399 9000
Fax: +27 12 359 3625

Share this page