Thekontle ya dikai tsa phatoloji kgotsa dire tsa thutabotshelo go di tlisa mo Aforikaborwa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go rekantle dikai tsa phatoloji kgotsa dire tsa thutabotshelo go di tlisa mo Aforikaborwa

Fa o batla go rekantle dikumo tsa diphologolo, dilo tse di ka rwalang malwetse kgotsa go a fetisa gore di tle mo Aforika Borwa, go ya ka molao o tshwanetse go dira kopo ya thekontle ya diphologolo le go newa tumelelo go tswa go Mokaedi wa Boitekanelo jwa Diphologolo.
 
O tshwanetse go bona phemiti ya thekontle ya dikai tsa phatoloji kgotsa dire tsa thutabotshelo jaaka:

  • Madi kgotsa seramo go tswa mo diphologolong
  • Disampole tse di ka lekwang dife fela go tswa mo diphologolong jaaka moroto, mašwi, mantle, letlalo kgotsa karolwana ya  serwe sa mo teng, jj. 
  • Baketheria, dikokwanatlhoko kgotsa sampole efe fela ya diphologolo go dirisediwa mabaka a dipatlisiso.

Diphemiti tsa thekontle di dira mo naong e e lekanyeditsweng ya thoto e le nngwe fela. O tshwanetse go neelwa phemiti e pele dikumo di tloga kwa di rekwang teng.

Go ka tswa go na le melao e mengwe mabapi le mefuta e e rileng ya dikumo ka jalo o tshwanetse go netefatsa gore o fitlhelela ditlhokego tsotlhe tsa semolao.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa foromo ya kopo ya Application to import pathology specimens into the Republic of South Africa (Kopo ya thekontle ya dikai tsa phatoloji kgotsa dire tsa thutabotshelo go di tlisa mo Aforikaborwa). Golagana le Bokaedi jwa Boitekanelo jwa Diphologolo fa o sena bonnete jwa gore o tlatsa foromo efe.
  2.  Kgomaretsa tsamaiso ya dipatlisiso, kgotsa lekwalo le le tlhalosang lebaka la thekontle le le nayang tshedimosetso ka ga go tsholwa ga kumo e e rekilweng ntle, go netefatsa tse di latelang:
    • Dire tsotlhe tse di ka fetisang malwetse di romelwe kwa laboratoring.
    • Laboratori e tshwanetse go bo e amogetswe e bile e na le tshireletsego e e maleba (go ya ka kotsi e e teng). 
    • Dire tsotlhe tsa thekontle di tshwanetse go fisiwa morago ga go dira diteko kgotsa dipatlisiso. 
    • Go tshwanetse ga tlhalosiwa gore a diphologolo tse di tshelang di tla nna mo tikologolong ya dire tse di rekilweng ntle kgotsa nnyaa 
    • Fa diphologolo tse di tshelang di le mo kotsing ya dire tse, di tshwanetse go bolawa mme ditoto tsa tsona di fisiwe morago ga diteko kgotsa ditlhotlhomiso.
    • Dire tsotlhe tse di ka tswang di tshwaeditsweng ke bolwetse jwa molomo le tlhakwana, gammogo le mefuta e mengwe ya malwetse, di tshwanetse go ya fela kwa Transboundary Animal Diseases kwa Onderstepoort. 
  3. Ngaka ya diphologolo kwa Bokaeding jwa Boitekanelo jwa Diphologolo o tla golagana nao fa a tlhoka tshedimosetso e nngwe le go dira tshekatsheko ya kopo ya gago.
  4. O tshwanetse go duela madi a phemiti. 
  5. Tsenya madi a tuelo mo akhaontong ya Lefapha:
    Leina la banka: Standard Bank of South Africa
    Mong wa akhaonto: National Department of Agriculture
    Nomoro ya akhaonto: 011219556 International Band
    Lekala: 010845
    IB brand 0001982 Centre Code
    Swift Code: SBZA-ZAJJ
    Leina la lekala: Arcadia.
  6. O ka duela le ka tšheke, go Mokaedikakaretso: Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.
  7. Dituelo di ka dirwa le kwa dikantorong tsa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.
  8. Maikarabelo a dituediso tsa banka le dituediso tsa Banka ya naga e nngwe ke a gago, lefapha le ka se rebole phemiti fa tlhotlhwa yotlhe ya ZAR 120 e ise e amogelwe.
  9. Ela tlhoko: Referense e tshwanetse go nna leina le sefane sa morekantle
    Romela foromo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo go:
    The Director: Animal Health
    Import Export Policy Unit
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001
    South Africa
    kgotsa ka fekese go 012 329 8292 / e-mail: VetPermits@daff.gov.za.
  10. Tsweetswee tlhalosa mo foromong gore a o tla ya go tsaya phemiti kgotsa o e romelelwe ka poso.
  11. Morago ga go amogela foromo ya kopo e e tladitsweng le bopaki jwa tuelo, Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo.
  12. Ngaka ya diphologolo e e dumeletsweng ke Bothati jwa tsa Diphologolo jwa naga e go rekwang kwa go yona bo tshwanetse go tlatsa Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo ka Seesimane pele thoto e tloga koo.  
  13. Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo dinako dingwe ga se tlhokege fa go rekwantle dikai tsa phatoloji, fela ngaka ya diphologolo ya semmuso ya naga e go rekwang kwa go yona e tshwanetse go supa le go tswalela thoto eo.
  14. O tshwanetse go bontsha Motlhankedi wa Taolo ya Direkwantle mo Aforikaborwa Phemiti ya Tota ya Thekontle ya Leruo le Setifikheiti  sa Tota Boitekanelo jwa Leruo kwa bogorogelong:
  15. Fa o tlhoka tshedimosetso malebana le ditlhokego tsa dikai tsa phatoloji kgotsa dikumo tse di rileng tsa thutabotshelo, o ka bona dikhopi tsa dikao tsa Phemiti ya Thekontle ya Diphologolo le Setifikheiti sa Boitekanelo jwa Diphologolo go tswa kwa Kantorong ya Boitekanelo jwa Diphologolo.
  16. Fa o dira kopo boemong jwa mongwe, tsweetswee netefatsa gore o duela ka leina la motho yoo kgotsa setlamo seo.

Ela tlhoko: Ga go dikopo tse di tla diragadiwang ntle le bopaki jwa tuelo. Bopaki jwa tuelo bo tshwanetse go romelwa ka fekese go: 012 329 8292 e lebisitswe: Ina Labuschagne.

Nako ya tiragatso

Fa motlhankedi wa tsa diphologolo kwa kantorong ya bosetšhaba a setse a amogetse thekontle, go tsaya matsatsi a tiro a le mararo go ya go a le matlhano go diragatsa kopo le go rebola phemiti.

Tuelo ke bokae

R220

O ka golagana le mang

 

Share this page