Setefikeiti sa thebolo ya thekontle ya bojalwa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya setifikheiti sa thekontle ya bojalwa

O tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti sa thekontle ya bojalwa fa o batla go rekantle dilitara di feta 12 go di dirisa ka bowena. Bogolo jwa mothamo o o ka o rekang ntle ka ngwaga ke dilitara di le 180.

Ga o tlhoke go dira kopo ya setifikheiti se mo:

  • bojalweng jwa tagi e e fetang peresente e le nngwe e e leng karolo ya thoto ya gago e bile o tla go e nwa ka bowena
  • bojalweng jo bo sa feteng dilitara tse 12.

Ga o a letlelewa go rekisa kgotsa go phatlalatsa bojalwa jo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Sitlholola Foromo ya tetla e e kgethegileng form mme o e tlatse. Ga o tlhoke go kgomaretsa sepe mo foromong e bile ga o kitla o kopiwa disampole tsa bojalwa jo o ratang go bo rekantle.
  2. Fa o goroga kwa bogorogelong, o tshwanetse go neela foromo go motlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi, kgotsa wa e romela ka imeili go jeswaynen@nda.agric.za  pele o ya kwa bogoregelong.

Nako ya tiragatso

O tla amogela setifikheiti ka lona letsatsi leo.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Application for an import exemption

O ka golagana le mang

 

Regional office
Tel: 021 809 1660
Fax: 021 887 9457
E-mail: jeswaynen@nda.agric.za
City/town: Stellenbosch
Province: Western Cape
Physical address: Plant Quarantine Station, Polkadraai Road, Stellenbosch 7600
Postal address: SAAFQIS – Stellenbosch, Private Bag X5015, Stellenbosch 7599

Share this page