Kopo ya tumelelo mo setheong sa boitekanelo sa kalafo ya menagano

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya tumelelo mo setheong sa boitekanelo sa kalafo ya menagano

Fa o na le mathata a monagano, o ka amogelwa kwa setheong sa boitekanelo sa puso. Fa o dumela gore o na le bothata ba monagano, o tlhoka go dira kopo ya go amogela mo setheong sa boitekanelo jwa menagano.

Mathata a menagano ke maemo a a tshwenyang tsela e o naganang ka yona kgotsa bokgoni jwa gago jwa go amana le batho. Malwetse a a masisi a monagano a akaretsa kgatelelo e e kwa godimo, botsenwa, bipolar disorder, Obsessive Compulsive Disorder (OCD), tlalelo  e e feteletseng(Panic Disorder), Kgatelelo ya Morago ga Kotsi (Post Traumatic Stress Disorder kgotsa PTSD) bolwetse jwa botho jo bo mo molelwaneng (borderline personality disorder). Dikgang tse di molemo ka malwetse a menagano ke gore a kgona go fola fa le ka fat lase ga kalafi e e maleba.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Etela ngaka kgotsa ngaka ya tlhaloganyo
  • Ngaka e tla:
    • go sekaseka le go go tlhatlhoba
    • neela lekwalo la thomelo.
  • Go direla kopo kwa setheong sa menagano,
  • Isa:
    • lekwalo la thomelo
    • tumelelo ya gago e e kwadilweng
    • khopi ya lekwaloitshupo la gago (ID).

Ela tlhoko: Fa maemo a monagano wa gago a tsewa a le matshosetsi mo setšhaba, kgotlatshekelo e ka laela gore o tsenngwe mo setheong sa menagano ka kgotsa ntle le tumelelo ya gago.

Nako ya tiragatso

Ngaka e e samaganang le kgetse ya gago e tla swetsa gore o nna go fitlha leng.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala fa o amogetswe mo setheong sa boitekanelo tsa puso e se ka thato ya gago.

Ela tlhoko: Fa o itlhophela go amogelwa, go na le tlhotlhwa e nnye e e duelwang.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo di fitlhelwa kwa setheong sa boitekanelo.

O ka golagana le mang

Mental health help line - 0800 12 13 14

Share this page