Kopo ya thomelontle ya bontšhwe le mae a bontšhwe

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya thomelontle ya bontšhwe le mae a bontšhwe

Go romelantle bontšhwe kgotsa mae a bontšhwe, o tshwanetse go dira kopo ya phemiti ya thomelontle kwa Mokwadising wa Tokafatso ya Diphologolo matsatsi a le 30 pele ga thomelontle.

Morago ga go dira kopo o tla newa tetla go tswa go South African Ostrich Business Chamber.

Fa go na le mofikela wa dinonyane kgotsa bolwetse bofe fela, bontšhwe ba ka se romelwe ntle go fitlha matshwao a bolwetse joo a nyelela.

O tshwanetse go bo o le motho wa semolao, sk. John Peter Moagi, kgotsa John Peter Moagi T/A Diepsloot Stud, kgotsa Diepsloot Stud CC, kgotsa Diepsloot Stud (Pty) Ltd, kgotsa Diepsloot Ltd.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa foromo ya kopo ya thomelontle ya bontšhwe kgotsa mae a bontšhwe mme o e romele go:
    The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001 kgotsa Delpen Building, sekhutlo sa Annie Botha Avenue le Union Street, Riviera, Pretoria 0084.
  2. Isa tse di latelang:
    • phemiti ya thekontle go tswa kwa nageng e o batlang go di romela kwa go yona 
    • setifikheiti sa boitekanelo sa ngaka ya diphologolo ya selegae 
    • lekwalo le le dumelelang mosaeni (moemedi) go saena kopo boemong jwa gago
    • neela mabaka le tlhaloso ya thomelontle ya gago
  3. O ka duela ka tšheke kgotsa otara ya poso go Mokaedikakaretso wa Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.  Dintlha tsa banka:

Standard Bank
DAFF-Animal Improvement
Lekala: Pretoria
Nomoro ya akhaonto: 010725385
Khoutu ya lekala: 010045.

Nako ya tiragatso

Dikopo di ka tsaya matsatsi a le 30 go diragadiwa.

Tuelo ke bokae

R390

Diforomo tse di tladiwang

Kopo ya thomelontle ya bontšhwe le mae a bontšhwe (Apply for exportation of ostriches or eggs)

O ka golagana le mang

 

Directorate: Animal Improvement

Tel: 012 319 7486
Fax: 012 319 7570
Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001

Share this page