Kopo ya go thomelontle ya dikhemikhale

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya go thomelontle ya dikhemikhale

Fa o rata go romelantle dikhemikhale tse di rileng, o tlhoka tetla go tswa go Khomišene ya Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba (ITAC).

Dikhemikhale di a laolwa go ikobela ditlamelo tsa Montreal Protocol le United Nations Convention Against Illicit Traffic in Narcotic Drugs and Psychotropic substances. A ke maiteko a boditšhaba a go sireletsa loapi le go lwa kgatlhanong le tlhagiso ya diritibatsi le go dira ka tsona boditšhaba.

Fa o dira kopo ya tetla ya thomelontle ya dikhemikhale tse, o tshwanetse go bona lekwalo la katlenegiso go tswa go Tirrelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) kgotsa kwa Lefapheng la Merero ya Tikologo (DEA), go ya ka khemikhale e o batlang go e romela ntle.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela ITAC kgotsa o sitlholole foromo e e maleba
  2. Tlatsa diforomo tsa kopo.
  3. Isa tse di latelang:
    • khopi ya setifikeiti sa gago sa Vat
    • khopi e e kannweng ya lekwaloitshupo la gago fa o sena setifikeiti sa vat
    • lekwalo la katlenegiso go tswa kwa SAPS kgotsa
    • lekwalo la katlenegiso go tswa kwa DEA fa dikhemikhale tseo di le mo teng mo lenaneng la Montreal Protocol.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya matsatsi a matlhano a tiro go ka diragatsa kopo ya tetla ya diromelwantle.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

Kopo ya tetla ya thomelontle: dithoto ka kakaretso (Application for export permit: general goods)

O ka golagana le mang

 

ITAC
Tel 0861 843 384
City/town Pretoria
Province Gauteng
Physical address International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address Private Bag X753 Pretoria, 0001

 

Share this page