Kopo ya thekisontle ya diphologolo, diemborio, mae kgotsa moroto wa senna

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya thekisontle ya diphologolo, diemborio, mae le moroto wa senna

Go rekisantle diphologolo kgotsa dire tsa jenetiki jaaka diemborio, mae le moroto wa senna go tswa mo Aforika Borwa o tshwanetse go dira kopo ya tetla ya thekisontle go Mokwadisi wa Tlhabololo ya Diphologolo.

Mokgatlo wa kgodiso kgotsa bothati jo bo maleba ba kwadiso bo tla atlenegisa thekisontle eo.

Dikopo di tshwanetse go romelwa go Mokwadisi matsatsi a le 30 pele ga thekisontle.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa foromo ya kopo ka botlalo.
  2. Romela kopo ya gago le ditlankana tse di maleba go:
    The Registrar of Animal Improvement
    Private Bag X138
    Pretoria
    0001
  3. Duela tlhotlhwa e e beilweng mme o kgomaretse bopaki jwa tuelo mo foromong ya kopo.
    Dintlha tsa banka ke:
    Standard Bank
    DAFF-Animal Improvement
    Lekala: Pretoria
    Nomoro ya akhaonto: 010725385
    Khoutu ya lekala: 010045
  4. Isa dikopo go mokgatlo kgotsa bothati jwa kwadiso jwa kgodiso jo bo maleba go bona katlenegiso.

Nako ya tiragatso

Kopo e tla amogelwa mo matsatsing a le 30.

Tuelo ke bokae

R390

O ka golagana le mang

 

Directorate Animal Improvement

Tel: 012 319 7424/34
Fax: 012 319 7570/7425
Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: The Registrar of Animal Improvement, Private Bag X138, Pretoria, 0001
 

Share this page