Rebola le go kwadisa leruo la diromelwantle

Ka ga 
Se o tshwanetseng go se dira 
Nako ya tiragatso 
Tuelo ke bokae 
Diforomo tse di tladiwang 
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya go rebola le go kwadisa lefelo la thomelontle ya diphologolo

O ka rekisantle diphologolo kgotsa dikumo tsa diphologolo fela tse di tswang mo lefelong le le ikobelang maemo a boditšhaba kgotsa melao ya naga e e di rekang. Lefelo le e ka nna botlhabelo, lefelo la khwarentini, lefelo  la boimana jwa maitirelo, lefelo la kokoanyo ya diemborio, polase, lefelo la go fepa leruo, feme ya tlhagiso ya dijo, lefelo la go bolokela dijo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Golagana le Ngaka ya Diphologolo ya porofense ya gago go dira kopo ya tlhatlhobo ya go kwadisetsa thekisontle.
  2. Rulaganya le ngaka ya diphologolo gore a tle go lekola lefelo leo. 
  3. Ngaka ya Diphologolo ya Porofense o tla tlatsa pegelo ya tlhatlhobo, e na le dikatlenegiso mme a e romele go Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi gore e amogelwe. 
  4. Fa e amogetswe, Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi le tla kwadisa lefelo leo mme le rebole setifikheiti sa thekisontle, se se dirang sebaka sa ngwaga.

Nako ya tiragatso

Go farologana go ya ka diporofense.

Tuelo ke bokae

Ditlhotlhwa di farologana go ya ka diporofense.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo di ka bonwa mo inthaneteng, kwa kantorong e e gaufi ya Ngaka ya Diphologolo ya Porofense kgtsa National Department of Agriculture (Lefapha la Bosetšhaba la Porofense).

O ka golagana le mang

 

Share this page