Setifikeiti sa loso

Loso la motho le tshwanetse go begelwa mongwe wa batho ba ba latelang:

  • Batlhankedi ba ba rileng ba Lefapha la Merero ya Selegae
  • Ditokololo tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, bogolosegolo kwa mafelong a Lefapha la Merero ya Selegae le se nang dikantoro gone
  • Lefapha, ntloboemedi, kgotsa embasi ya Aforika Borwa fa e le gore loso lo diragaletse kwa ntle ga naga
  • Ba dimmotšhari ba ba thapilweng e bile ba le mo molaong.

Go tla rebolwa Pegelo la Loso fa loso lo se na go kwadisiwa. Batho bano ba ba tlhophilweng le bona ba ka rebola ditaelo tsa phitlho. Ga gona phitlho e e ka nnang gone kwa ntle ga fela e laletswe ka tsela ya taelo ya phitlho.

Lefapha la Merero ya Selegae le tla rebola setifikeiti sa loso fa le se na go amogela kitsiso ya loso.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go bona setifikeiti sa loso kgotsa golagana le Lefapha la Merero ya Selegae.

Share this page