Go bega boswa jwa moswi

Boswa jwa moswi bo nna teng fa motho a tlhokafala mme a tlogela thoto le/kgotsa tokomane e e leng wili kgotsa eo maikaelelo a yona e leng gore e dirisiwe jaaka wili. Boswa jwa moswi  bo tshwanetswe go begelwa kgotlatshekelo mo matsatsing a a ka fa tlase ga a le 14 morago ga letlha la leso. Leso le ka begwa ke mang le mang yo a nang le taolo ya dithoto dingwe le dingwe tseo e leng tsa boswa jwa moswi, kgotsa motho yo a nang le taolo kgotsa a tshotse setlankana sa moswi seo e leng kgotsa maikaelelo a sone e leng go dirisiwa jaaka wili.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga boswa jwa moswi kgotsa letsetsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mo go 012 406 4805 kgotsa imeilela: Chiefmaster@justice.gov.za.

 

Share this page