Ntšhwafatsa karata ya gago ya laesense ya go kgweetsa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ntšhwafatsa karata ya gago ya laesense ya go kgweetsa

O tshwanetse go ntšhwafatsa karata ya gago ya laesense ya go kgweetsa dibeke tse nne pele ga letsatsi la yona la bofelo. Fa o e ntšhwafatsa morago ga letsatsi la bofelo, o tla tshwanela go kopa laesense ya nakwana ya go kgweetsa ka tuelo ya tlaleletso fa o sa letile gore go rebolwe laesense ya gago ya go kgweetsa.

Ela tlhoko: Go ntšhwafatsa laesense ya gago, ga o kitla o tlhoka go tsenela tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa, mme o tla dira teko ya matlho le dikgatiso tsa gago tsa menwana di tla tsewa. Kgotsa, o ka nna wa ya go tlhatlhoba matlho a gago kwa ngakeng ya matlho mme o bo o romela foromo kwa lefelong la teko (DLTC). Fa pono ya gago e koafetse go feta go simolola ka letlha le laesense ya gago e rebotsweng ka lona, go tla mametlelelwa mabaka a mašwa mo laesenseng ya gago.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Etela Lefelo le le gaufi la Teko ya Laesense ya go Kgweetsa ka tse di latelang:
    • lekwaloitshupo le khopi ya lona, karata ya kgale ya laesense ya go kgweetsa kgotsa phaseporoto e e tlhomameng ya Aforikaborwa 
    • dinepe tse pedi tsa ID tsa mmala o mosweu le o montsho  
    • madi a kopo.
  • Tlatsa foromo ya DL1, Kopo ya ntšhwafatso ya karata ya laesense ya go kgweetsa.
  • O tla dira teko ya matlho kgotsa o ka nna wa e dira kwa ngakeng ya matlho le go lere dipholo DLTC.

Nako ya tiragatso

Laesense ya gago e ntšhwa e tla siama mo dibekeng tse nne go ya go tse thataro.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

Kopo ya ntšhwafatso ya laesense ya go kgweetsa, DL1. Foromo e teng mo driving licence testing centre.

O ka golagana le mang

 

Contact the relevant municipality

Share this page