Kopo ya go fetolwa ga laesense e e seng ya mono

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go fetola laesense e e seng ya mono

Fa o neetswe bonno jwa leruri mo Aforikaborwa, o tshwanetse go fetolela laesense ya gago e e seng ya mono go nna ya Aforikaborwa mo pakeng ya ngwaga ya go amogela tetla ya bonno jwa leruri.

Fa o ka se fetolele laesense ya gago mo sebakeng sa ngwaga, e tla tsewa e sa tlhomama.

O ka dira kopo ya go fetolela laesense ya gago ya go kgweetsa go ya Aforikaborwa fa o na le tetla ya sedipolomate mme o se na tetla ya bonno jwa leruri.

Fa laesense ya gago e se ka nngwe ya dipuo tsa semmuso, o tshwanetse go bona lekwalo la phetolelo ya laesense eo ke bothati jo bo nang le bokgoni.

Laesense ya gago e e seng ya mono e tla fetolwa fa:

  • e sa ntse e tlhomame
  • fetoletswe mo go nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa Aforikaborwa
  • laesense ya gago e na le lekwalo la tlhomamo le le bonweng go tswa go embasi e e maleba mme phetolelo ya yona e se ka nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa Aforikaborwa
  • laesense ya gago e na le senepe le tshaeno.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela tikwatikwe ya teko ya dilaesense tsa go kgweetsa (DLTC) mo porofenseng e o boneng tetla ya boagi jwa leruri kwa go yona.
  2. Tlatsa foromo ya Kopo ya thefosanyo ya laesense ya go kgweetsa (DL1) kwa tikwatikweng nngwe le nngwe ya teko ya dilaesense tsa go kgweetsa.
  3. Tlatsa foromo ya kitsiso ya go fetola aterese gongwe dintlha tsa motho gongwe tsa setheo (NCP).
  4. O tshwanetse go isa tse di latelang:
    • Boitshupo jo bo amogelesegang jaaka go tlhokega go ya ka molao wa Aforika Borwa (sekai lekwaloitshupo (ID), ID ya nakwana, lekwalo la mosepele le le amogelesegang la Aforika Borwa, gongwe lekwalo la mosepele la naga e sele mmogo le lekwalotetla la boagi jwa leruri.)
    • Dinepe di le nne tsa bogolo jwa ID tse di tlwaelegileng
    • Laesense ya go kgweetsa ya ga jaana ya naga e sele
    • Bosupi jwa boagi jwa leruri mo Rephaboliking ya Aforika Borwa
    • Bosupi jwa gore o ne o se moagi wa leruri wa Aforika Borwa ka nako e laesense ya naga e sele e neng e rebolwa (sekai, o ka tlhagisa lekwalo la mosepele, lekwalotetla la boagi jwa leruri gongwe visa)
    • Lekwalo la phetolelo ya laesense la bothati jo bo amogelesegang fa laesense e se mo go nngwe ya dipuo tsa semmuso tsa Aforika Borwa.
    • Tlhomamiso go tswa kwa bothating jo bo rebolang dilaesense tsa go kgweetsa jwa gore o na le laesense e e amogelesegang ya go kgweetsa (e supa dikhoutu mmogo le dikarolo tse di maleba tsa koloi e motho a letleletsweng go e kgweetsa) e e sa phimolwang gongwe e sa beelwa thoko.
    • Malebana le Lekwalotetla la go Kgweetsa la Boditšhabatšhaba (IDP), o tshwanetse go isa laesense ya go kgweetsa ya bothati jo bo rebotseng lekwalotetla.
    • Bosupi jwa aterese ya poso le ya bonno jaaka akhaonto ya motlakase. Fa akhaonto ya motlakase e se mo leineng la gago, mong wa akhaonto o tshwanetse go kwala afidafiti a ikana gore o nna kwa atereseng eo mme akhaonto ya motlakase e tshwanetse go mametlelelwa mo afidafiting. 
    • Fa o nna mo lefelong la baipei, o tshwanetse go tla ka lekwalo le le nang le setempe sa semmuso sa letlha go tswa kwa mokhanselareng wa oto a tlhomamisa aterese ya gago ya poso le ya bonno.
  5. Tikwatikwe ya teko ya dilaesense tsa go kgweetsa e tla rebola laesense ya go kgweetsa fa e kgotsofetse gore:
  • o mong wa laesense ya go kgweetsa ya naga e sele
  • O tla isa laesense ya gago ya go kgweetsa ya naga e sele gongwe lekwalotetla la go kgweetsa fa o amogela laesense ya gago ya Aforika Borwa.
  • O ka se ke wa tlhoka go tlhatlhobelwa laesense ya go kgweetsa fela go tla dirwa tlhatlhobo ya matlho kwa setsheng pele ga go ka konosediwa thefosanyo.

Nako ya tiragatso

Paka ya thefosano ya laesense e farologana go ya ka DLTC ka ntlha ya boruni jwa mo teng ga setheo.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya kopo ya laesense ya go kgweetsa (DL1) e ka bonwa kwa tikwatikweng ya tlhatlhobo ya dilaesense (licence testing centre) tsa go kgweetsa le mo go- eNatis.

O ka golagana le mang

 

Contact your local department of transport

Share this page