Kopo ya go kwalolola Kgwebo e e kopetsweng

Fa e le gore setlamo sa gago kgotsa koporasi ya gago ya kgwebisano ga e sa tlhole e tla dira, o ka e phimola kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC). Gape e ka fedisiwa go ya ka tlhaoloso.

  • Go phimolwa go raya gore kgwebo ga e sa tlhole e kwadisitswe jaaka setlamo kgotsa koporasi ya kgwebisano (ga go setho sa molao kgotsa kemedi) ka ntlha ya fa e sa tlhole e gwebisana e bile e sena dithoto kgotsa boikarabelo bope.
  • Tlhaoloso e raya gore kgwebo ga e sa tlhole e tla dira (e le ka ntlha ya matsapa a matlole). Fa e le gore kgwebo ya gago e na le dithoto, boikarabelo kgotsa tsone ka bobedi, o tla tshwanelwa ke go latela tsela ya tlhaoloso.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go phimola kgotsa go tlhaolosa kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

 

Share this page