Laesense ya tirelo ya modumo wa kgaso ya setšhaba

Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang  
Boemo jwa tirelo | Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala  

 

 

Tlhaloso

Laesense ya Kgaso ya Setšhaba e direlwa ditlhokego tsa kgaso ya setšhaba go fitlha go selekanyo se se feteng dingwaga di le nne. E a ntšhafatswa, ka fa tlase ga maemo a go dira kopo ya go ntšhafatsa laesense e seng morago ga dikgwedi tse thataro mme gape e seng ka fa tlase ga dikgwedi tse tharo pele letlha le le beilweng la go nna teng ga laesense le fela. E ntšhafatswa fela fa laesense e e kgotsofatsang maemo a a beilweng ke bothati jwa laesense. Laesense e abelwa ditšhaba tse di tlhomilweng go ya ka Karolwana 21 ya ditlamo, Therasete, boithaopo jwa mekgatlo kgotsa setlamo se sengwe le sengwe se se mo molaong mme se sa tshele ka go dira ka tšhelete. Maikaelelo a Laesense e ya Kgaso ya Setšhaba ya dingwaga tse nne ke go fitlhelela tse di latelang:

  • go tsweletsa ditshwanelo tsa go tlhaeletsana le kgololosego ya tlhagiso ya maikutlo
  • go amogela go farologana mo intasetirng ya kgaso
  • go laletsa setšhaba go nna le seabe ka go nna matlhagatlhaga jaaka batsweletsi, balaodi le bareetsi mo ikatisong ya kgaso
  • go nna lentswe la setšhaba
  • go neelana ka mananeo a a tlhagisang kgatlhego e e ikgethileng le ditlhokego tsa setšhaba, tse di akaretsang setso, puo, tumelo le ditlhokego tse di supang popego ya setšhaba.

Laesense e ya Kgaso ya Setšhaba ya dingwaga di le nne e ka fiwa mo ditlhopheng tse di latelang:

  • Tirelo ya kgaso ya modumo
  • Tirelo ya kgaso ya thelebišene.

Laesense e amogelesega mo dikgweding tse nne.

Lefapha la Ditlhaeletsano le tshegetsa dilaesense tsa dingwaga di le nne le didiriswa tsa kgaso le tsweletso, fa fela ditlhokego tsa Lefapha di ka kgotsofadiwa.

Dikgato tse di latelwang

Diforomo tse di sa felelang di tla busiwa go mokopi mme ga go maikarabelo a tshiamololo a a tla amogelwang.

ICASA e tla rebola taletso ya kopo ya tirelo kgaso ya modumo wa setšhaba mme e neelane ka makhubu go mafelo a a leng teng a a farologaneng. Jaaka modirakopo ya laesense, o tshwanela ke go dira tse di latelang:

  • Tlhoma setlhopha sa tiro go tsaya maikarabelo a kopo ya tsamaiso mme se nne jaaka modirakopo boemong jwa setšhaba.
  • Netefatsa gore setlhopha sa tiro, se dira tse di latelang:
    • go tsaya mesaeno go tswa mo setšhabeng
    • kwala leano la kgwebo
    • bebofatsa ditlhopho tsa temokerasi tsa ditokololo tsa Boto
    • sekaseka lefelobonno la phaposikgaso le setsha sa phetisi.
  • Kopa foromokopo ya tirelokgaso le phatlhalatso ya bokaotaolo.
  • Tlatsa foromokopo ka go dirisa mokwalo wa ditlhakakgolo.
  • Romela foromokopo ya nnete le dikhopi tse di netefaditsweng di le 16, le tuelokopo go ICASA.

Boemo jwa tirelo

E ka tsaya dikgwedi di le 3 go ya go di le 4.

Tlhotlhwa

2023/24

Diforomo tse tladiwang

Foromokopo e tla nna karolo ya dimametlelelo tsa kasete ya mmuso.

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

Icasa head office

Tel: 012 568 3000/3001
E-mail: info@icasa.org.za 

Physical address: 350 Witch-Hazel Ave, Eco-Park Estate, Centurion, 0144
Postal address: Private Bag X10, Highveld Park 0169

Regional offices

Share this page