Ditireloposo tse di sa itlhophang

Mabapi
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Mabapi le go dira kopo ya go neelwa lekwalotetla la go dira ditireloposo tse di sa itlhophang

Batho ka nosi kgotsa dikgwebo tsa poraefete ba ka dira kopo ya go neelwa lekwalotetla la go dira ditireloposo tse di sa itlhophang.

Ditireloposo tse di sa itlhophang di akaretsa ditirelo tse di latelang:

  • makwalo otlhe, diposokarata, dilwana tse di gatisitsweng, diphasela tse dinnye mmogo le dilwana tse dingwe tse di posiwang tseo di sa akarediweng mo ditireloposong tse di itlhophileng.
  • ditirelo tsa khuriya le ditireloposo tse dingwe le tse dingwe tse di sa weleng ka fa lekaleng la ditireloposo tse di itlhophileng

Lekwalonetefaletso la go ikwadisa le neelwa paka ya ngwaga go simolola ka letsatsi leo le ntshitsweng ka lona.

Dikgato tse di latelwang

  1. Tlatsa foromo, Forom ya A.
  2. Duelela tuelelo ya ka gangwe ya madi a a sa busediweng ya go tsenya kopo ka go romela madi ka mokgwa wa eleketeroniki kgotsa ka go a tsenya kwa bankeng kwa go Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa). Leina la Banka: Nedbank. Nomoro ya Akhaonto: 1454090456, Leina la lekala: Corporate Client Services Johannesburg. Khoute ya Lekala, 145405.
  3. Gokelela bopaki jwa tuelo mo foromong ya go tsenya kopo.
  4. Isa foromo ya go tsenya kopo mo matsatsing a tirelo pele ga 16:00.

Go tsaya nako e e kana kang?

Lekwalotetla le ka tlhagisiwa morago ga matsatsi a le 30.

Go ja bokae?

Tariffs 2020/21

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

ICASA head office
Tel: 012 568 3000/3001
E-mail: info@icasa.org.za 

Physical address: 350 Witch-Hazel Ave, Eco-Park Estate, Centurion, 0144
Postal address: Private Bag X10, Highveld Park 0169

Regional offices

 

Share this page