Etela Mmueledi wa Lelapa

O ka bona ditirelo tsa Mmueledi wa Molao wa Lelapa fa o na le kganetsano e e amanang le go direla ngwana sentle le/kgotsa maikarabelo le ditshwanelo tsa botsadi. Maitlhomomagolo a Mmueledi wa Molao wa Lelapa ke go godisa le go sireletsa ditirelo tse di siamtseng bana/bana ba ba leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi mo dikganetsanong tsa semolao tsa maikarabelo le ditshwanelo tsa botsadi.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go buisana le Mmueledi wa Molao wa Lelapa kgotsa letsetsa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mo go 012 357 8205.

 

Share this page