Fetola tshedimosetso ka ga koporasi ya gago ya kgwebisano

Fa o dira phetogo e nngwe le e nngwe mo koporasing ya kgwebisano (CC), e e jaaka go thapa motlhankedi yo a rwalang maikarabelo, go fetola aterese ya poso, go fetola diphesente tsa dikabo mmogo le go tlaleletsa kgotsa go ntsha maloko a setlamo, o tshwanetse go baakanya dintlha tseo tsa CC kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC).

CIPC e tlhoka gore dintlha tsa gago tsa CC di nne di le mo nakong ka dinako tsotlhe.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go fetola tshedimosetso ya koporasi ya kgwebisano kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) kgotsa golagana le CIPC mo go 086 100 2472.

 

Share this page