Go ntsha mpa

Go ntsha mpa ke fa mosadi a swetsa go fedisa boimana ka mokgwa wa tirelo ya pholo pele a ka garela paka e e tletseng ya boimana. Mosadi o tshwanetse go bo a le moimana dibeke tse di sa feteng 13 go ka ntsha mpa ntle le go naya mabaka.

Fa a le magareng ga dibeke di le 13 le 20 a ntse a imile, mpa e ka ntshiwa fela ka fa tlase ga mabaka a a rileng. Fa a setse a le moimana dibeke di feta 20, mpa e tla ntshiwa fela fa botshelo jwa gagwe kgotsa jwa lesea leo le iseng le belegwe bo le mo kotsing kgotsa go na le kgonagalo ya gore le nne le kgolofalo e e masisi fa le belegwa.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go ntsha mpa golagana le Lefapha la Boitekanelo mo go 012 395 8000.

 

Share this page