Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Motlotlegi Jacob G Zuma, Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ka tiragalo ya kopanotshwaraganelong ya Palamente,Motsekapa

13 Feb 2014

Mmusakgotla yo o tlotlegang wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP);
Motlatsammusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba le Motlatsamodulasetulo wa NCOP;
Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki, Motlotlegi Kgalema Motlanthe;
Motlatsamoporesitente wa maloba, Baleka Mbethe,
Motlotlegi Moatlhodimogolo wa Rephaboliki, le ditokololo tsotlhe tse di tlotlegang tsa Bosiamisi;
Ditona le Batlatsatona ba ba Tlotlegang,
Ditonakgolo tse di Tlotlegang le Babusakgotla ba Diporofense tsa rona; Modulasetulo wa Mokgatlho wa Dipusoselegae tsa Aforika Borwa, le boeteledipele jotlhe jwa pusoselegae;
Modulasetulo wa Ntlo ya Magosi;
Ditlhogo tsa Ditheo tsa Karolo ya bo 9 tsa Puso tseo di Tshegetsang Temokerasi ya Molaotheo;
Mmusisi wa Banka ya Rasefe;
Baeteledipele go tswa kwa maphateng a kgwebo, metshameko, setso, bodumedi le a mangwe otlhe fela,
Ditokololo tsa ditheo tsa sedipolomate, Baeng ba ba kgethegileng e bile ba tlotlega,
Ditokololo tse di Tlotlegang,
MaAforika Borwa ka nna,

Good evening, sanibonani, molweni, dumelang, riperile, ndimadekwana, goeienaand.

Ke rata go leboga Batlhankedi ba Tsamaiso ka tšhono eno ya go bua le batho ba Aforika Borwa, mo tiragalong eno ya Puo ya bofelo ya Maemo a Setšhaba ya puso ya bone ya temokerasi.

Ke rata go fetisa matshediso le kutlobotlhoko ya rona ka go tlhokafala ga Motlotlegi Ben Skhosana, mongwe wa ditokololo tse di dirileng sebaka go gaisa le mongwe wa bagolwane ba ntlo eno e e tlotlegang e bile e kile ya nna Tona ya rona ya maloba ya Ditirelo tsa Kgopololo.

Re utlwisitswe botlhoko ke go tsamaya ga gagwe go go neng go sa lebelelwa.

Re rata go gomotsa balelapa la gagwe, gammogo le moeteledipele wa IFP, Shenge, le ditokololo tsotlhe tsa IFP.

Mmusakgotla yo o Tlotlegang,

Modulasetilo yo o Tlotlegang wa NCOP,

Seno ke Puo ya ntlha ya Maemo a Setšhaba e e diragalang re se na le Moporesidente wa rona wa ntlha, Motlotlegi Nelson Rolihlahla Mandela.

Go tlhokafala ga gagwe, pele fela ga ngwaga wa bo20 wa kgololesego le temokerasi ya rona, go utlwisitse batho ba rona le ba ba kwa ntle ga melelwane ya rona botlhoko jo bo seng kana ka sepe.

Re ikgomotsa ka kitso ya gore Madiba o tla nna ka gale a le mo dipelong tsa rona, le gore re na le maikarabelo a go tsweletsa boswa jwa gagwe.

Ditokololo tse di Tlotlegang,

Naga ya rona e tlhagisitse banna le basadi ba ba gaisang, ba ba tlametseng ka boeteledipele mo dinakong tse di thata.

Mongwe wa baeteledipele bao e ne e le Rre Moses Kotane, motsholamatlotlokakaretso wa maloba wa ANC le mokwaledikakaretso wa maloba wa Mokgatlho wa Bokomonese wa Aforika Borwa.

Re ikutlwa re tlotlegile tota go bo re na le mosadi wa gagwe yo o rategang, Mama Rebecca Kotane, jaaka moeng wa rona yo o kgethegileng maitseboeng ano.

Mama Kotane o letse a fetsa dingwaga di le 102 maabane, mme re mo eleletsa tsotlhe tse dintle.

Gape re tlotla Moporesidente wa maloba wa ANC, Rre Oliver Tambo, yo a neng a tsweletse go sedimosa lesedi la kgololesego mo gae le kwa moseja ka dinako tse di neng di le thata go gaisa tsa kgaratlho ya rona.

Morwae, Dali le mogatse Rachel ba na le rona mo maitseboeng ano.

Re tlotla Solomon Mahlangu, lekawana le le pelokgale le le neng la kalediwa le ntse le ititeile sefuba ka 1979 koo a bolailweng gona a na le dingwaga di le 23. O rile: "Madi a me a tla nontsha setlhare se se tla ungwang maungo a kgololesego. Bolelelang batho ba gaetsho gore ke a ba rata. Ba tshwanetse go tswelapele ka ntwa."

Re motlotlo go amogela mmaagwe, Mama Martha Mahlangu le setlogolo sa gagwe, Bathabile.

Gape ngwaga wa 2014 o supa segopotso sa bo40 sa polao ya bogatlapa ka sephuthelwana sa bomo, ya moeteledipele wa baithuti, Abaram Onkgopotse Tiro ka 1974 kwa Botswana.

Re amogela morwarraagwe, Mogomotsi Tiro mo tirong eno. Re tlhagisa ditebogo tsa batho, ka ntlha ya go intsha setlhabelo ga morwarraagwe.

Re gopola botlhe ba ba tlhokafetseng ka nako ya dikhuduego tse di neng di etleediwa ke mmuso ka dingwaga tsa bo1980 le 1990 kwa makeišeneng le kwa metseng ya rona ya kwa magaeng.

Mme Jabu Ndlovu, moemedi wa maloba wa badiri wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Badirakatshipi ba Aforika Borwa, o ne a thuntshiwa ka 1988 kwa Pietermaritzburg mmogo le mogatse Jabulani le morwa wa bona.

Re amogela morwadie Luhle le morwa, Sanele, mme re tlotla malapa otlhe a a latlhegetsweng ke baratiwa ba ona, go ralala mekgatlho yotlhe ya sepolotiki.

Mmusakgotla yo o Tlotlegang,

Modulasetilo yo o Tlotlegang wa NCOP,

Re kgonne go fenya kutlobotlhoko eo yotlhe ya maloba le go aga setšhaba se sentšhwa.

Re agile ditheo tse di maatla tsa temokerasi.

Re fitlhile mmuso o e neng e se wa temokerasi, o o neng o se na kemedi, o gatelela e bile o le bobodu o o neng o direla ba le mmalwa fela.

Re tlhamile mmuso wa temokerasi o o kopaneng, o o sa tlhaoleng go ya ka lotso le fa e le ka bong, o o ikarabelang mo baemeding ba maAforika Borwa otlhe.

Re na le temokerasi ya molaotheo e e tlhaga, e e nang le maphata a a dirang sentle a mmuso - kgotlapeomolao, bokhuduthamaga le boatlhodi.

Re na le ditheo tsa Karolo ya bo 9 tse di tshegetsang temokerasi le go sireletsa ditshwanelo tsa baagi.

Kgololesego le temokerasi gape di dirile gore go nne le baagi ba ba tlhabologileng mme ba le matlhagatlhaga mmogo le bobegakgang jo bo gololesegileng.

Gape kgololesego e tlisitse la ntlha, tsholofelo ya tekatekano ya bong. Kemedi ya basadi mo ditheong tsa setšhaba e oketsegile thata fa e sa le go simologa kgololosego, mme le katoloso ya ditirelo tsa motheo e ungwela basadi.

Dintlha tseno tsotlhe di dirile gore Aforika Borwa e nne lefelo le le botoka go nna mo go lona ga jaana go feta jaaka e kile ya nna.

Fela naga ya rona e sa ntse e lebanwe ke dikgwetlho tse tharo tsa lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro, tse re tswelelang go samagana natso. Go samagana le dikgwetlho tseno e setse e le ntlha ya botlhokwa ya mebuso yotlhe ya temokerasi.

Re tlhophile go lebagana le ditlapele di le tlhano; thuto, boitekanelo, ntwa kgatlhanong le bosenyi le bobodu, tlhabololo ya metseselegae le ntšhwafatso ya naga mmogo le go tlhama ditiro tse di seriti.

Gape re nopotse gore Puso e tshwanetse go tokafatsa tiragatso.

Re tlhamile ditiro di le pedi tsa botlhokwa; maano a pakatelelele mmogo le tekolo le tshekatsheko.

Re tlhamile Khomišene ya Maano ya Bosetšhaba e e tlhagisitseng Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), letlhomeso la naga la ikonomi ya loago mme gape e le nngwe ya diphitlhelelo tse dikgolo tsa puso ya bone.

Leano le tlhagisa se re tshwanetseng go se dira go fedisa lehuma, go oketsa ditiro le gore re bo re fokoditse go tlhoka tekatekano ka 2030.

Tekolo le tshekatsheko ya rona e supa gore ditirelo di le dintsi di tswelela go tokafala. Sekai, jaanong go tsaya nako e khutshwane go bona madi a tlamelo le makwaloitshupo. Fela tse dingwe tse dintsi di sa ntse di tlhoka tiro ntsi.

Ke tla bega ka ditlapele tse tlhano, ke simolola ka ikonomi.

Ka kakaretso, ikonomi e godile ka 3.2% ka ngwaga go tloga ka 1994 go ya go 2012 le fa gone go na le kwelotlase ya ikonomi e e bakileng tatlhegelo ya ditiro di le milione lefatshe ka bophara.

Ka go dira mmogo jaaka puso, kgwebo, badiri le lephata la baagi, re tataisa ikonomi gore e itharabologelwe.

Khumo ya bosetšhaba, e e lekanyediwang go ya ka Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga (GDP), e godile go ya go feta madi a a kanaka R3.5 ditirilone.

Jaanong go tlhamiwa ditiro gape. Ga jaana go na le batho ba le dimilione di le 15 ba ba nang le ditiro mo nageng, e leng palo e e kwa godimo go gaisa mo hisetoring ya rona, mme ngogola go tlhamilwe ditiro di feta 650 000 go ya ka Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa.

Seno se sa ntse se sa kgotsofatse. Seelo sa botlhokatiro se sa ntse se le kwa godimo. Botlhokatiro jwa bašwa mo Aforika Borwa bo tswelapele go tshwenya, fela jaaka mo lefatsheng ka bophara.

Re tsaya dikgato di le mmalwa, go akarediwa Molao wa Ditshiamelo tsa Lekgetho la Bothapi le le rotloetsang bathapi go thapa ba bašwa jaaka badiri.

Go tla fetisiwa melawana e e tla netefatsang gore seno ga se ame badiri ba ba sa etleediweng gongwe badiri ba bagolwane bosula.

Dikgato tse dingwe di mo teng ga Tumelano ya Bosetšhaba ya Bašwa e e saenilweng kwa Soweto ngogola ka kgwedi ya Moranang.

Lenaane le le Atolositsweng la Ditiro tsa Setšhaba le Lenaane la Tiro ya Baagi a tswelela go nna tshegetso e e bokgoni ya batlhoki le bašwa.

Re tlhamile ditšhono tsa ditiro di le dimilione di le 3,7 mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng. Batho ba rona ba amogela lotseno le bokgoni go tswa mo lenaaneng la ditiro tsa setšhaba, mme ba dirise tseo go batla tiro e e siameng.

Kabinete e ipeetse seelo sa ditšhono tsa ditiro di le dimilione di le 6 go tloga monongwaga go ya go 2019, go lebeletswe bašwa.

Lenaneo la rona la thuso ya loago le ga jaanong le fitlhelelang batho ba ka nna dimilione di le 16, le tlametsa dimilione ka pabalesego, bogolo thata bana ba ba mo matshosetsing.

Malapa a le mantsi a ungwelwa go tswa mo dithusong tsa puso tse e leng thuso ya tlamelo ya bana, phenšene gammogo le thuso ya bogole.

Puso e tla tswelela go duela dithuso tseno gonne bontsi jwa magae bo ikaegile ka tsona ka ntlha ya fa ditšhono tsa tiro di se kalo mo nakong eno e e thata ya kwelotlase ya ikonomi.

Ditšhono tseno tse di dirwang ke puso, di re kgontsha gore re bue ka boipelo gore ga jaana re nna mo nageng e e botoka thata fa e bapisiwa le e re neng re nna mo go yona pele ga 1994.

Bakaulengwe.

Re sa ntse re le mo pakeng e e boima.

Ditiragalo tsa ikonomi ya Amerika di bakile kwelotlase e e bonako mo mading a mebaraka e e sa ntseng e tlhagelela, go akarediwa le ranta.

Mo tsamaong ya 2013, ranta e wetse tlase ka 17.6% kgatlhanong le dolara ya Amerika.

Seelo se se bokoa sa thefosanyo se matshosetsi a a boitshegang mo infoleišeneng mme gape se tla dira gore lenaane la rona la mafaratlhatlha le nne tlhotlhwagodimo.

Le gale, ditlamo tse di romelang ntle, bogolo segolo mo maphateng a tlhagiso, di tshwanetse go dirisa ranta e e bokoa le itharabologelo e kgolo ya lefatshe lotlhe.

Le fa re na le mathata ano, re a itse gore re ka kgona mo pakeng eno ya dintelo.

Re setse re kile ra dira jalo mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng.

Tota, re tla tlhagelela re maatlafetse le go feta fa re ka dira dilo tse di siameng.

Re tshwanetse go dira mmogo jaaka puso, kgwebo le badiri go godisa ikomomi ka seelo se se kwa godimo ga 5% gore re kgone go tlhama ditiro tse re di tlhokang.

Ka lesego, tirisanommogo eno e setse e ntse e tsweletse.

E diragala kwa Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le ya Ditiro, e leng sengwe sa ditheo tsa botlhokwa tsa tirisanommogo mo temokerasing ya rona, magareng ga puso, kgwebo, badiri le baagi.

E diragetse gape mo dipuisanong tse re nnileng natso le bagwebi.

Mo ngwageng yo o fetileng ke ne ka simolola go buisana le bagwebi ka ga dikgato tse di rileng tse puso e ka di tsayang go nolofatsa go dira kgwebo mo nageng ya rona.

Go tswa mo thulaganyong eo, jaanong re rulagantse dithebolo tsa taolo le dilaesense tsa tshekatsheko ya kamego ya tikologo, dilaesense tsa metsi mmogo le dilaesense tsa meepo.

Palamente e konosetsa dipaakanyo tsa bofelelo tsa molao gore ntlha eno e e siameng e dirisiwe, mme seo se tla fokotsa nako ya go simolola moepo go ya go malatsi a a ka fa tlase ga 300, go tloga ka go dira kopo go fitlha kwa go rebolweng.

Motlatsamoporesidente wa Rephaboliki o tswelela go gokaganya dipuisano magareng ga puso, ditlamo tsa meepo le badiri.

Maikemisetso ke go tsepamisa dikamano le badiri mo lephateng leno la botlhokwa la ikonomi ya rona. Seno se ungwa maungo.

Dikhuduego mo lephateng leno di nnile mmalwa fela mme e bile ga di a tsaya sebaka.

Mme sa botlhokwa, dithulaganyo tsa dikamano tsa badiri di diragala ka tsela e e mo molaong.

Re tseregantse mo meepong gonne e le mothapi yo mogolo. Re tlhoka lephata la meepo le le dirang sentle. Meepo e thapa batho ba feta halofo ya milione.

Ke moamogedi yo mogolo wa madi a dinaga tse di kwa ntle mo nageng ya rona. Gape e tsenya madi a ka nna R20 bilione ka tlhamalalo mo lotsenong lwa lekgetho.

Gape meepo e na le seabe se segolo jaaka moreki wa dithoto le ditirelo, mmogo le motlamedi wa ditshwaelo mo maphateng a mangwe a ikonomi ya rona mmogo le di-ikonomi tse dingwe lefatshe ka bophara.

Re sekaseka tirisanommogo le baamegi go samagana le ntlha ya dintlo kwa ditoropong tse di nang le meepo.

Nte ke gakolole ditlamo tsa meepo gape gore 2014 ke letlha la bofelo la gore di tokafatse dintlo le seemo sa botshelo sa badiri ba meepo mmogo le go fitlhelela diphitlhelelo tsa bontsi jo bo rileng.

Puso e tswelela go ela tlhoko le go netefatsa kobamelo ya diphitlhelelo tsa Maano a ditlamo a Loago le Badiri mmogo le Tšhata ya Meepo.

MaAforika Borwa ka nna,

Ditokololo tse di Tlotlegang,

Kwa ntle ga meepo, re supile maphata a mangwe a matlhano a a ka susumetsang ditiro ka 2009.

Ona ke bojanala, temothuo, ikonomi e e tala, tlhabololo ya mafaratlhatlha le tlhagiso.

Indaseteri ya bojanala e godile ka tsela e e gakgamatsang. ka 1993, Aforika Borwa e amogetse baeng ba ba tswang kwa ntle ba le dimilione di le tharonyana fela. Ka 2012, palo eo e ne e godile go fitlha go baeng ba le dimilione di le 13.

Re tla tswelapele go godisa indaseteri eno, go lebeletswe bokgoni jwa yona jwa go tlhama ditiro.

Ka 2012 re ribolotse Leano la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha, le le eteletsweng pele ke Moporesidente ka Khomišene ya Moporesidente ya Bogokaganyo jwa Mafaratlhatlha.

Morago ga moo re ne ra beeletsa R1 tirilione mo mafaratlhatlheng a setšhaba mo tsamaong ya dingwageng di le tlhano tse di fetileng.

Bontsi jwa diporojeke bo setse bo konoseditswe kgotsa bo gaufi le go konosediwa.

Ke tla nopola di se kae fela.

Tsamaiso ya Rea Vaya kwa Johannesburg ga jaana e dirisiwa ke baagi ba Gauteng ba feta 100 000. Ditsamaiso tse di tshwanang le tseo di agiwa kwa Motsekapa, Tshwane, Nelson Mandela Bay, Buffalo City, eThekwini le Rustenburg.

Maemelakepe a naga a tokafaditswe.

Re agile mola wa peipi ya lookwane wa dikilomitara di le 700 o o tswang kwa Durban go leba Gauteng go tsamaisa dibilione di le 4 tsa dikhubiki tsa dilitara tsa peterolo, disele le lookwane la difofane ka ngwaga.

Go agilwe dikilomitara di ka nna 1 500 tsa ditsela tse dintšhwa.

Tswelelopele eno e e amanang le ditsela e re gakolola ka bangwe ba ba dirileng mo pusong eno ba ba neng ba eleletsa naga ya rona tse di gaisang, go tshwana le Tona ya maloba ya Dipalangwa Rre Dullar Omar.

Mosadi wa gagwe yo o rategang ke mongwe wa baeng ba rona maitseboeng ano.

Go simolotswe ka kago ya mela e mentšhwa ya seporo kwa Mpumalanga, go fokotsa kgatelelo mo ditseleng.

Porojeke ya Gautrain jaanong e dira ka botlalo mme e rora bapalami ba feta 1,2 milione ka kgwedi.

Setlamo sa Setheo sa Diporo le Banamedi sa Aforika Borwase tla dirisa madi a a fetang R120 bilione mo tsamaong ya dingwageng tse di latelang di le 10, go reka diterena tse dintšhwa.

Transnet e diragatsa togamaano ya yona e e boitshegang e e lebeletseng tlhokego mo mmarakeng, ya R300 bilione, go aga mafaratlhatlha a a tlhokegang go gaisa a dipalangwa.

Go fitlhelela bokgoni jwa ikonomi jwa Kapabophirima le Lebopo la Bophirima, re tlhomile Lefelo la Tlhabololo ya Diindasteri tsa Saldanha mme re butse difeme tse dintšhwa di le pedi kwa Atlantis.

Go tokafatsa tlamelo ya metsi, go konoseditswe matamo a magolo a mantšhwa a le mabedi, De Hoop kwa Limpopo mmogo le Spring Grove kwa KwaZulu-Natal, fa legato la 2 la Porojeke ya Metsi ya Lesotho Highlands e tla tlhongwa mo bogautshwaneng.

Go tsweletswe ka kago ya diteišene tse dintšhwa tsa maatla, Medupi kwa Limpopo, Kusile kwa Mpumalanga le Ingula gaufi le Ladysmith, mme tsona di thapa badiri ba feta 30 000.

Re tswelela go sekaseka metswedi e mengwe ya maatla, go lepalepana le Leano le le Kopanetsweng la Ditlamelo tsa Maatla.

Go tlhagisiwa ga peteroliamo, bogolo segolo gase ya šale, go tla fetola selebo sa kgaolo ya Karoo mmogo le ikonomi ya Aforika Borwa.

Morago ga go sekaseka matshosetsi le ditšhono, go tla gololwa melawana ya bofelo fa gautshwane mme yona e tla latelwa ke tsamaiso le thebolo ya dilaesense.

Re solofetse go konosetsa theko ya dimekawate di le 9 600 tsa maatla a nyutlilia.

Go setse go tlhophilwe batlhagisi ba biofuel mme ba setse ba simolotse go dira.

Ditokololo tse di Tlotlegang

Ruri naga ya rona ke naga e e dirang mme ke lefelo le go leng botoka go nna mo go lona. Re tshwanetse go tsweletsa seo.

Ditokololo tse di Tlotlegang,

Bontsi jwa lehumo la rona le dirwa mo inthaneteng gongwe ka tlhaeletsano ya megala.

Go adilwe mogala wa faeba opotiki wa dikilomitara di le 37 000 ke maphata a poraefete le a setšhaba mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng. Seno se tla atolosiwa thata mo dingwageng tse di latelang.

Re motlotlo ka katlego ya rona mo go tsa saense le thekenoloji. Go tla konosediwa kago ya thelesekoupu ya ntlha ya dijana di le 64 fa go lebilwe kwa Arei ya Sekwere kilometara, e leng MeerKAT, mo kotareng ya ntlha ya 2014.

Ditokololo tse di Tlotlegang,

Diketleetso tsa rona tsa go susumetsa tlhagiso di nnile le dipoelo.

Sekema sa Peeletso ya Dijanaga se se tlhomilweng ka 2009 se reboletse diketleetso tsa boleng jwa R3.8 bilione go beelediwa mo diporojekeng tsa peeletso di ka nna 160. Tsona di tshegetsa ditiro di feta dikete di le 50.

Ditlamo di tla bo di dira dikoloi, dithekisi mmogo le dibese.

Re tsepamisitse lephata la diaparo, dikhai, letlalo le ditlhako, le le neng le kgaola ditiro.

Diindaseteri di le mmalwa di rulaganyeditswe go tlhagisa dilo tsa selegae. Tsona di akaretsa dibese, merogo e e mo metemeng, diaparo, dikhai, letlalo, ditlhako mmogo le dithoto tse dingwe.

Re na le dikai tse di popota tsa katlego ya lenaneo la selegae.

Mo dingwageng di le pedi tse di fetileng fela, go agilwe dithekisi di feta 20 000 le dibese di le 330 mo gae, mme seno se ngoketse dipeeletso le tlhabololo mo ditoropong tsa rona.

Mo dingwageng di le tlhano tse di latelang, mmuso o tla reka bonnye 75% ya dithoto le ditirelo go tswa mo batlhagising ba Aforika Borwa.

MaAforika Borwa ka nna,

Re tshwanetse go dira ka natla go tlhabolola batlhagisi ba ba tlhagelelang gongwe ba bantsho.

Bontsi jwa batlhagisi ba ba simololang ba bantsho ba ngongorega ka mathata a ba a itemogelang go bona matlole a tlhagiso, mebaraka ya batlamedi le bareki, mmogo le tshegetso ya setegeniki ya tlhagiso.

Letlole la Bosetšhaba la Maatlafatso, Koporasi ya Tlhabololo ya Indaseteri le Setheo sa Matlole sa Dikgwebopotlana, di tla tswelela go tlamela dikgwebo tse di kgonegang tsa bantsho ka matlole go tsweletsa diindasteri.

Go tlaleletsa foo, re rotloetsa dikgwebo tse di godileng go tshegetsa tlhabololo ya dikgwebo tsa tlhagiso tsa bantsho.

Temothuo ke mothapi yo mogolo le motlamedi wa ditšhono tsa bogwebi.

Lenaane la rona la tshegetso ya temothuo, Fetsa Tlala, le tlhagisa baromelantle ba bantšhwa.

Balemirui ba ntlha ba ba potlana ba le 88 ba ba mo lenaaneng leno ba tlametse Lenaane la Dijo la Lefatshe la Ditšhabakopano ka ditone di le 268 tsa mmidi le dinawa gore di romelwe kwa Lesotho mo kgweding e e fetileng. Re solofetse gore palo eno e oketsege.

Re tla tsweletsa le lephata la rona la botshwaratlhapi, le le tsenyang madi a a fopholediwang go R6 bilione mo ikonoming mme le tlamela ka ditiro di le 27 000.

Ditokololo tse di Tlotlegang,

Re nnile le tswelelopele e e bonalang mo lenaaneng la ntšhwafatso ya naga.

Fa e sale go tloga ka 1994, dipolase di ka nna 5 000 tsa diheketara di le dimilione di le 4.2, di fetiseditswe kwa bantshong, mme di ungwetse malapa a feta 200 000.

Ditleleimi tsa mafatshe di ka nna 80 000, tsa boleng jwa diheketara di le dimilione di le 3.4, di setse di konoseditswe mme batho ba le dimilione di le 1.8 ba ungwetswe foo.

Tsamaiso e e latelang e tla tshwanelwa ke go tsweletsa pele dipholesi di le mmalwa, ditsereganyo tsa peomolao le tiragatso go tswelela go samagana le go tseelwa lefatshe ga batho ba rona.

Seno se akaretsa dintlha tse di amanang le go tlhamiwa ga Kantoro ya Molekanyetsikakaretso mme ka go rialo go bulelwa go tsenngwa ga dikopo tsa ditleleimi.

Ditokololo tse di Tlotlegang

Ruri Aforika Borwa ke lefelo le le botoka go nna mo go lona.

Nte jaanong ke bege ka lenaneo la rona la ntšhwafatso ya loago.

Thuto ke sediriswa sa go tswa mo lehumeng go dimilione tsa batho ba rona.

Ke ka moo re itumeletseng gore go na le koketsego e e boitshegang ya kwadiso ya bana kwa sekolong, go tloga ka dithuto tsa pele ga poraemari go ya kwa legatong la dithuto tse dikgolwane.

Palo ya bana ba ba tsenang Mophato wa R e menagane go feta gabedi, e tswa go bana ba ka nna 300 000 go ya go feta 700 000 magareng ga 2003 le 2011.

Letlhomeso la Pholisitlhomo le le lebeletseng Phitlhelelo e e Akaretsang ya Mophato wa R le mo kaseteng gore batho ba tshwaele mo go lona, ka maitlhomo a go dira gore Mophato wa R o tsengwe ke bana botlhe.

Bagaetsho,

Bana ba le dimilione di le 8 ga ba duele kwa sekolong, mme ba le dimilione di le 9 ba amogela dijo tse di itekanetseng kwa sekolong go tswa mo pusong, gore ba ithute sentle ba sa tshwarwa ke tlala.

Seelo sa go falola materiki se tlhatlhogile go tswa go ka nna 61% ka 2009 go ya go ka nna 78% ngogola mme diphalolo tse di letlang dithuto tsa dikirii di tokafala ngwaga le ngwaga.

Ka Ditlhatlhobo tsa Ngwaga le Ngwaga tsa Bosetšhaba, re ela tlhoko ditokafalo le ditsereganyo tse di tlhokegang, bogolo segolo mo dipalong le saense.

Go tsweletsa go akaretsa le go nna le dipharologano, go tla rutwa kharikhulamo ya Puo ya Diatla ya Aforika Borwa kwa dikolong, go tloga mo ngwageng o o tlang wa 2015.

Re okeditse palo ya rona ya bagolo ba ba kgonang go buisa le go kwala ka lenaane la Kha Ri Gude go tloga go dimilione di le 2,2 ka 2008 go ya go batho ba le dimilione di le 3.

Gape re beeleditse mo katisong ya barutabana mme re bula gape dikholetšhekatiso tsa barutabana go fitlhelela tlhokego.

Go tlhagisa tikologo e e nang le seriti ya go ithutela, re agile dikolo tse dintšhwa di le 370, go tsena mo legatong la dikolo tsa mmu mmogo le tsa dikago tse dingwe tse di neng di sa siama go ralala naga. Lenaane leo le tswelela pele.

Bakaulengwe

Re ka tlotla kgang e e monate le ka tsa thuto e kgolwane.

Ikwadiso ya baithuti kwa diyunibesithi e oketsegile ka 12% fa ikwadiso ya dikholetšhe tsa Thuto le Katiso e e Tswelelang (FET) e oketsegile ka 90%.

Re okeditse tekanyetsokabo ya Sekema sa Thuso ya Matlole a Baithuti sa Bosetšhaba go ya go R9 bilione go fitlhelela tlhokego e e oketsegang.

Phitlhelelo e nngwe e kgolo ya paka eno ke go tlhamiwa ga diyunibesithi tse pedi tse dintšhwa, e leng Sol Plaatje kwa Kapa Bokone le Yunibesithi ya Mpumalanga.

Re tla aga gape Dikholetšhe tse dintšhwa tsa FET kwa Limpopo, Mpumalanga, Kwazulu-Natala le Kapa Botlhaba.

Bakaulengwe.

Go tlhomiwa ga Letlhomeso la Bosetšhaba la Tirisanommogo ya Thuto ngogola e nnile tiragalo ya botlhokwa mo nageng. Re eleletsa setlhopha masego mo tirong ya sona ya bosetšhaba.

Bakaulengwe.

Re ka tlotla kgang e e monate le ka ga go tokafala ga tlhokomelo ya boitekanelo.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, go agilwe ditheo tse dintšhwa tsa boitekanelo di le 300, go akarediwa le ditleleniki tse dintšhwa di le 160.

Dipetlele tse dintšhwa di le lesome di agilwe kgotsa di ntšhwafadtswe kwa Ladybrand, Germiston, Mamelodi, Natalspruit, eThekwini, Zola, Bojanala, Kgaolo ya Vryburg, Swartruggens, Khayelitsha le Mitchell’s Plain.

Mmusakgotla yo o Tlotlegang

Modulasetilo yo o Tlotlegang wa NCOP

Tokafalo mo HIV le AIDS ke nngwe ya diphitlhelelo tse dikgolo go gaisa tsa tsamaiso eno mme Mananeo a Ditšhabakopano a Aids (UNAIDS) a re dirisa jaaka naga ya sekao.

Tshwaetso ya HIV go tswa go mme go ya go ngwana e fokotsegile thata mme re okeditse palo ya batho ba ba amogelang kalafi ya dianthiretrobaerale gabedi, go tswa go batho ba le milione o le mongwe go ya go ba le dimilione di le 2.4 ka 2013.

MaAforika Borwa a feta dimilione di le 20 a dirile teko ya HIV fa e sale go tlhomiwa letsholo ka 2011 mme seo ke sesupo sa go ikanya tsamaiso ya boitekanelo.

Dingwaga tsa go tshela jaanong di tlhatloga ka tsepamo. MaAforika a tshela sebaka se seleele jaanong.

Diphitlhelelo tsa tsamaiso e e latelang e tshwanetse go nna go netefatsa gore bonnye batho ba le dimilione di le 4.6 ba kwadisiwa mo lenaneong la dianthiretrobaerale.

Re lebogela tshwaelo ya Lekgotla la Aforika Borwa la Bosetšhaba la Aids ka go dira ka natla.

Le fa re keteka katlego ya rona, ga re a tshwanela go itebala. Tiro ya go thibela e tshwanetse go tswelela pele ka bonako gore re kgone go fitlhelela phitlhelelo ya gore go se ke ga tlhola go nna le tshwaetso ya HIV.

Ka kakaretso, re tla tsena mo legatong le lentšhwa la tiragatso ya lenaneo la Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo e e tla atolosetsang tlhokomelo ya boitekanelo ya boleng kwa bahumaneging.

Modulasetilo yo o Tlotlegang wa NCOP,

Mmusakgotla yo o Tlotlegang

Seelo sa bosenyi ka kakaretso se fokotsegile ka 21% go tloga ka 2002 mme tiro ya go dira gore baagi ba nne ba babalesegile e tswelela pele.

Nngwe ya dintlha tsa botlhokwa tse di totilweng ke go fedisa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana. Re itsisitse dikgato di le mmalwa go tsibogela kgwetlho eno.

Tsona di akaretsa go bulwa gape ga Diyuniti tsa Tirisodikgoka ya mo Malapeng, Tshireletso ya Bana le Melato ya Thobalano mmogo le Dikgotlatshekelo tsa Melato ya Thobalano.

Re leboga Mekgatlho e e Seng ya Puso e e mentsi e e tsweletsang ditshwanelo tsa basadi le bana tse di tshwaelang mo tirong eno e e botlhokwa.

Naga ya rona e tswelapele go totiwa ke magodu a dinaka tsa ditshukudu.

Ditheo tsa rona tsa tiragatso ya molao di dira ka natla go fedisa bosula jono. Gape re na le ditumelano le dinaga tsa China, Vietnam, Kenya, Mozambique le tsa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) go dira mmogo go fedisa bosenyi jono.

Re leboga bagwebi le MaAforika Borwa otlhe a a nnang le seabe mo letsholong la go boloka ditshukudu.

Bakaulengwe

Kemonosi ya boatlhodi e tokafaditswe gape ka go tlhamiwa ga Kantoro ya Moatlhodimogolo jaaka setheo se se ikemetseng go tswa mo Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo. Re fetisitse melao e le mmalwa go tshegetsa seabe seno se sentšhwa sa Kantoro ya Moatlhodimogolo.

Go na le tswelelopele mo go fetoleng boatlhodi gore bo bontshe merafe le bong jo bo farologaneng mo nageng.

Moatlhodimogolo wa Rephaboliki o tswelapele go etelela pele diphetogo tseno.

Ga jaanong baatlhodi ba bantsho (maAforika, maIndia le Bammala) ba dira 61% ya baatlhodi botlhe.

Fela kemedi e e kwa tlase ya basadi mo boatlhoding e sa ntse e le ntlha e e tshwenyang. Mo baatlhoding ba le 239, ke ba le 76 fela ba e leng basadi.

Kgwetlho ke go dira diphetogo mo porofešeneng ya molao ka kakaretso gore go nonotshiwe setlhopha se baatlhodi ba basadi ba ka thapiwang go tswa mo go sona.

Go konosediwa ga Molaotlhomo wa Tiragatso ya Molao go tla thusa go atolosa setlhopha se batlhankedi ba boatlhodi ba ka tlhophiwang go tswa mo go sona.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang,

MaAforika Borwa a mmogo mo go batleng gore go se ke ga nna le bobodu mo baaging. Go lwantsha bobodu mo tirelongsetšhaba go ungwa maungo.

Fa e sa le Khomišene ya Tirelosetšhaba e tlhoma Mogala wa Bosetšhaba wa Twantshobobodu, go setse go fetiseditswe dikgetse di feta 13 000 tsa bobodu le tsamaiso e e sokameng kwa mafapheng a puso gore di sekasekwe le go batlisisiwa.

Puso e boetswe ke madi a feta R320 milione go tswa mo basenying ka thuso ya tiriso ya Mogala wa Bosetšhaba wa Twantshobobodu.

Dikatlego dingwe tsa Mogala wa Bosetšhaba wa Twantshobobodu di akaretsa tse di latelang:

  • go kobilwe batlhankedi ba le 1 542 go tswa mo Tirelong Setšhaba.
  • batlhankedi ba le 140 ba lefisitswe dituelo tsa bona tsa dikgwedi tse tharo.
  • batlhankedi ba le 20 ba folositswe mo maemong
  • batlhankedi ba le 355 ba neilwe makwalotsiboso a bofelo.
  • Batlhankedi ba le 204 ba sekisitswe.

Go thibela bobodu mo tsamaisong ya tlamelo ya ditirelo le dithoto, puso e sweditse go tlhama boto ya dithendara ya bogareng go atlhola dithendara mo magatong otlhe a puso.

Setheo seno se tla dira le motlhankedimogolo wa ditheko yo tiro ya gagwe e kgolo e tla nnang go sekaseka ditlhotlhwa le kobamelo ya ditsamaiso mmogo le go tila kgobelelo.

Yuniti e e Kgethegileng ya Dipatlisiso e batlisisa tsamaiso e e sokameng gongwe bobodu jo bo begilweng mo mafapheng a le mmalwa a puso le ditheo tsa mmuso, ka dikgoeletso di le 40 tse di saenilweng ke Moporesidente mo tsamaisong eno. Re tla nna re begela setšhaba ka dipoelo tsa dipatlisiso.

Mo dikgweding di le thataro tsa ntlha tsa ngogola, Yuniti ya Thopo ya Dithoto e duetse bokana ka R149 milione mo Akhaontong ya Pusetso ya Dithoto tsa Bosenyi le kwa batswasetlhabelong ba bosenyi.

Seno ke 170% go feta phitlhelelo e e neng e ipeetswe ya R55 mme ke e e kwa godimo go gaisa e e kileng ya e fitlhelela mo ngwageng o o tletseng.

Ngogola, bothati jwa dikgaisano bo batlisisitse go tsepamisiwa ga ditlhotlhwa go go boitshegang mo indasetering ya dikago mme ya lefisa ditlamo tse di molato R1.4 bilione.

Ga jaanong go tsweletswe ka dikgato tse dingwe kgatlhanong le ba ba amegang.

Bakaulengwe.

Jaanong ke rata go ama ka boripana ntlha ya go tlamela batho ba rona ka ditirelo tsa motheo.

Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, go nnile le diphitlhelelo tse di gaisang tsa go oketsa phitlhelesego ya ditirelo di tshwana le metsi, kgelelo ya leswe mmogo le motlakase.

Puso e simolotse lenaneo le le maatla la go fedisa tsamaiso ya matlwana a dikgamelo jaaka karolo ya go busetsa seriti sa batho ba rona.

Legato la Ntlha la lenaneo le tla fedisa dikgamelo kwa metsesetoropong e e mo molaong ya Foreisetata, Kapa Botlhaba le Kapa Bokone.

Legato la Bobedi le tla fedisa dikgamelo kwa mafelong a a seng mo molaong mo diporofenseng tsotlhe.

Malebana le dintlo, go tlametswe ka madulo a dintlo di ka nna 3 milione le ditsha tse di nang le ditirelo di feta 855 000 go tloga ka 1994.

Mafelo a a seng mo molaong a ka nna 500 a agetswe dintlo tsa boleng le ditirelo tsa motheo mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng.

Puso e e latelang e tla tsweletsa diporojeke tse di mo mafelong a a botoka tsa dintlo tsa lotseno lo lo tlhakaneng.

Bakaulengwe.

Baagi bangwe ba sa ntse ba se na ditirelo tseno, bogolo segolo kwa mafelong a a seng mo molaong le kwa metseselegae. Ka jalo, re dira le maphata otlhe a puso go netefatsa gore go tlamelwa ka ditirelo tseno, bogolo segolo kwa makgotlatoropong a le 23 a a nang le palo e e kwa godimo ya tshalelo morago.

Bakaulengwe

Mo puong ya ngogola ya SoNA, ke tlhagisitse matshwenyego malebana le tirisodikgoka e e bonalang mo ditshupetsong dingwe tse di diragalang mo nageng ya rona.

Go nnile le ditshupetso tsa tirisodikgoka gape go ralala naga mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng.

Se se tshwenyang gape ke se se lebegang e le tirisodikgoka e e rulagantsweng, jaaka go bonagetse ka tiriso ya dibomo tsa petorolo mmogo le dibetsa tse dingwe mo ditshupetsong.

Puso ya temokerasi e tshegetsa tshwanelo ya baagi ya go tlhagisa maikutlo a bona.

Tshwanelo ya go dira ditshupetso ka kagiso, kwa ntle ga dibetsa, e sireleditswe mo Molaotheong.

Fela, fa ditshupetso di tshosetsa matshelo le dithoto mme di senya mafaratlhatlha a botlhokwa a maikaelelo a ona e leng go direla baagi, di nyatsa temokerasi e e tsweletsang tshwanelo ya go dira ditshupetso.

Puo e e tletsetletseng mo ntlheng ya ditshupetso mo Aforika Borwa e nnile ya gore di bakwa ke go retelelwa ga puso.

Fela ditshupetso tse ga di fela ka ntlha ya "go retelelwa" ga puso mme gape di ka ga katlego ya go tlamela ditirelo tsa motheo.

Fa 95% ya magae e fitlhelela metsi, 5% e e sa ntseng e tshwanetse e tlamelwe, e ikutlwa gore e ka se lete go feta foo.

Katlego gape e kgona go tsala ditsholofelo.

Nte ke tlaleletse gape Ditokololo tse di Tlotlegang, gore tatlhegelo ya botshelo mo diatleng tsa sepodisi ka nako ya go samagana le ditshupetso, e ka seke ya tlodisiwa matlho le fa e le go tlhotlhelediwa.

Tatlhegelo ya botshelo ga se matshamekwane. Re tshwanetse go itse gore go diragetse eng, le gore goreng se diragetse. Go tshwanetse ga samaganwa le phoso nngwe le nngwe mme ga tsewa dikgato tsa go lolamisa. Mapodisi a tshwanetse go dira go ya ka molao ka dinako tsotlhe.

Ke sa ntse ke le foo, re tshwanetse gape jaaka batho re tshwenngwe ke gore magareng ga 2005 le 2013, go bolailwe mapodisi a ka nna 800.

Mapodisi ke basireletsi mme ke thebe e e magareng ga baagi ba ba tshelang go ya ka molao mo temokerasing, le tlhakatlhakano. A e re fa re rwesa mapodisi maikarabelo, re ele tlhoke gore re se ke ra iphitlhela re ba nyatsa mme re galaletsa tlhakatlhakano mo baaging ba rona.

Mokgwa wa tirisodikgoka o simolotse mo nakong ya tlhaolele. Re tshwanetse go itshekatsheka mo maitekong a rona go fedisa bosula jo.

Jaaka baeteledipele botlhe fela, re tshwanetse go lebelela gore ke eng se re se dirileng gongwe se re sa se dirang, go tomola tirisodikgoka e e tlhageletseng mo ditshupetsong mo malatsing a ntlha a temokerasi ya rona.

Re na le maikarabelo a a tlhakanetsweng a go aga setšhaba se se tlotlang molao, se tlotlana e bile se tlotla botshelo le dithoto.

Re tshwanetse go dira mmogo go aga Ubuntu sešwa mmogo le mokgwa o o boikarabelo mo setšhabeng sa rona.

Mmusakgotla yo o Tlotlegang,

Modulasetilo yo o Tlotlegang wa NCOP,

Go tserwe tshwetso ya go tokafatsa go dira ga pusoselegae.

Maikemisetso a paakanyo ya Molao wa Dithulaganyo tsa Makgotlatoropo ke go tokafatsa bokgoni jwa makgotlatoropo jwa go tlamela ka ditirelo.

Go tshwanetse ga romelwa badiri ba ba nang le borutegi le maitemogelo kwa makgotlatoropong.

Re tlhoka gape go maatlafatsa diforamo tse di gona tsa seabe sa batho le go kgontsha batho ba rona go nna le seabe se segolwane mo ditlhabololong.

Go tshwanetse ga maatlafadiwa le ntwa kgatlhanong le bobodu, bogolo segolo go lebeletswe dipego tsa gore ditirelo dingwe di a kgorelediwa le go emisiwa gore batho bangwe ba tle ba tlamele ka ditirelo tseo ka ditshenyegelo go mmuso.

Dintlha tseno di beilwe jaaka ditlapele tsa puso e e latelang.

Mmusakgotla le Modulasetilo ba ba Tlotlegang

Pholisi ya Aforika Borwa wa temokerasi ya merero ya dinaga di sele e sale e betlilwe dingwagasome di le mmalwa tse di fetileng ka letsholo le le maatla la boditšhabatšhaba la go tlhaola mmuso wa tlhaolele.

Moporesidente wa ANC, Oliver Tambo o nnile le seabe sa botlhokwa mo ntlheng eo, a thuswa gareng ga ba bangwe, ke moswi Johnny Makatini, e leng tlhogo ya maloba ya merero ya boditšhabatšhaba.

Mosadi wa gagwe, Mohumagadi Valerie Makatini ke mongwe wa baeng ba rona ba tlotlego maitseboeng ano.

Aforika e sa ntse e le mooko wa pholisi ya rona ya dinaga di sele.

Re dirile ka natla go maatlafatsa tshegetso ya Tshwaragano ya Aforika, SADC mmogo le ditheo tsotlhe tsa kontinente tse maikemisetso a tsona e leng go fitlhelela kagiso le tshireletsego.

Gape re dirile tsweletso ya kgokaganyo ya ikonomi ya kgaolo, tlhabololo ya mafaratlhatlha, kgwebisano ya mo gare ga Aforika mmogo le tlhabololo e e nnelang leruri mo kontinenteng go nna ditlapele.

Monongwaga re tlhagisitse gape le pegelo ya rona ya boraro ya naga kwa Setheong sa AU sa Tshekatsheko ya Balekane ba Aforika eo e amogetsweng ka diatla tsoopedi.

Re tswelela go tshegetsa go dira kagiso le go rarabolola dikgotlhang.

Go na le tswelelopele mo dipuisanong magareng ga Sudan le Sudanborwa malebana le dintlha tse di saletseng morago go latela kemiso.

Go latela kopo ya thuso ya go tlisa kagiso le poelano go tswa go Sri Lanka le Sudanborwa, Rre Cyril Ramaphosa o thapilwe jaaka Moemedi yo o Kgethegileng wa Aforika Borwa go ya kwa dinageng ka bobedi pedi.

Bokgoni jwa gagwe jwa dipuisano le go rarabolola dikgotlhang mmogo le maitemogelo a naga ya rona mo ntlheng eno, di tla thusa thata dinaga tseno tse pedi mo go rarabololeng mathata a tsona.

Re tla tswelapele go maatlafatsa botsalano le Yuropa, Amerikabokone, Amerika wa Latini, Asia mmogo le dinaga tse di kwa Borwa.

Go nna le seabe mo diforamong tsa maphatamantsi tsa boditšhabatšhaba go tshwana le G20 go nnile mosola mo nageng.

Mme go tsenela setlhopha sa Brazil, Russia, India le China (BRIC) ka Sedimonthole wa 2010 go balelwa mo diphitlhelelong tse dikgolo tsa puso ya bone.

Gape re nnile motlotlo go amogela Samiti ya Botlhano ya BRICS ka la bo 27 Mopitlwe 2013 kwa Durban, koo go nnileng le seabe sa baeteledipele ba Aforika ba ba neng ba buisanela tirisanommogo ya ditlhabololo le BRICS.

Re tla tswelela go dira ka maatlametlo kwa Ditšhabakopano go tsweletsa puso e e maatla ya boditšhabatšhaba.

Re tla tswelela go tsweletsa diphetogo tsa Lekgotla la Tshireletso la UN le ditheo tsa ditšhelete tsa lefatshe.

Ditokololo tse di Tlotlegang

Jaaka Moporesidente wa khonferense ya Ditšhabakopano ya Phetogo ya Tlelaemete ya COP17/CMP7 e e neng e tshwaretswe kwa Durban ka 2011, Aforika Borwa e beile lefatshe mo tseleng e e ka se ganediweng, ka go amogelwa ga Motheo wa Kgato e e Tokafetseng ya Durban.

Bakaulengwe,

Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng re amogetse maeto a le mmalwa a metshameko le setso, a a thusitseng go rotloetsa tirisanommogo ya loago le tshwaragano.

Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, Aforika Borwa e amogetse Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa FIFA 2010 mmogo le dithonamente tse dingwe tsa botlhokwa tsa kgwele ya dinao, rakabii mmogo le khirikete, tse di tlogetseng maikutlo a a utlwalang a boipelo le tshwaragano magareng ga maAforika Borwa otlhe.

Jaaka re keteka dingwaga di le 20 tsa kgololesego, re tla dira jalo re dirile sentle go agela naga ya rona boalo jo bontšhwa jwa ngwaoboswa.

Go tlhamilwe dimusiamo le dimonyumente di le mmalwa, go akarediwa sefikantswe sa Moporesidente wa Maloba Mandela, se jaanong e leng letshwao le legolo kwa Union Building.

Maina a mafelo a feta 2 000 a fetotswe go siamisa go tewa maina go go sa siamang ga mafelo, mmogo le go naya baagi tshwanelo ya go swetsa ka maina a mafelo a bona.

Ditokololo tse di Tlotlegang

Ntetleng go leboga bangwe ba bakaulengwe ba rona ba ba itirelang maina mo lefatsheng.

Re akgola Ladysmith Black Mambazo ka go gapa Sekgele sa bona sa bone sa Grammy kgwedi e e fetileng. Re amogela moeteledipele wa setlhopha, Rre Joseph Shabalala, mongwe wa baeng ba rona phirimaneng eno.

Re amogela gape Mme Yvonne Chaka Chaka yo e leng mongwe wa baeng ba rona phirimaneng eno.

O dira tiro e e ntle thata jaaka Moemedi wa Bomolemo wa Malaria wa Letlole la Bana la Ditšhabakopano le Moemedi yo o kgethegileng wa Aforika wa Diphitlhelelo tsa Mileniamo tsa Tlhabololo ya Ditšhabakopano.

Gape Mme Chaka Chaka o tlotlilwe ka Sekgele sa Crystal ke Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe kwa Davos ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bopelonomi.

Re lemoga gape mofenyi wa rona wa Sekgele sa Oscar, le fa a seyo, Mme Charlize Theron.

Mme Theron gape ke Morongwa wa UN wa Kagiso. Gape o eteletse pele ntwa kgatlhanong le AIDS, bogolo segolo mo bašweng le makgarejana.

Gape o tlotlilwe ke Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe ka Sekgele sa Crystal.

Le ka ne le lemogile gore mo SoNA eno, re tlhagisitse pegelo e e totileng dingwaga di le tlhano tse di fetileng le ya dingwaga tse di fetileng di le 20 ka kakaretso.

Seno ga se tiragalo ya go tlhagisa lenaneo la dikgato tsa ngwaga ono wa ditšhelete. Lenaneo leo le tla tlhagisiwa ke puso e ntšhwa morago ga ditlhopho.

Go baakanyetsa Puo ya ntlha ya Maemo a Setšhaba ya tsamaiso e e tlang pejana mo ngwageng, mo ngwageng o o fetileng, re ntse re baakanya Letlhomeso la Togamaano la Pakagare.

Letlhomeso le rulagantswe go nna motheo wa kago wa dingwaga tsa ntlha tse tlhano wa NDP, go tloga ka 2014 go ya go 2019.

Gape le akaretsa diphitlhelelo tsa botlhokwa tse di totilweng tsa Leano la Tiragatso ya Pholesi ya Indaseteri, Tsela e Ntšhwa ya Kgolo mmogo le Leano la Mafaratlhatlha.

Maikemisetso ke go tlhagisa Letlhomesotlhomo kwa Lekgotleng la ntlha la Kabinete morago ga ditlhopho.

Le tla baakanngwa ke tsamaiso e ntšhwa go ya ka thomo ya yona ya batlhophi, gore tiro e simolole ka bonako jo bo tla kgonegang morago ga go tlhamiwa ga puso e ntšhwa.

Gape e nnile tlotla mo go nna le mo bobusing jwa me go agelela mo motheong o o tlhomilweng ke dipuso tsa ntlha tse tharo tsa temokerasi, go direla batho ba Aforika Borwa.

Jaaka naga re fitlheletse dikatlego di le dintsi.

Aforika Borwa ke lefelo le le botoka tota go nna mo go lona go feta jaaka e ne e ntse pele ga 1994.

Re tswelapele go lebagana le dikgwetlho. Fela botshelo bo tswetsepele go fetoga go nna botoka.

Nkosi Sikelel’ i Africa

God Bless Afrika.

Ke a lo leboga.

Issued by: The Presidency

Share this page

Similar categories to explore