Kwadisa Lefelo la Thuto ya Bana bao ba Iseng ba Tsene Sekolo (ECD)

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

 

Mabapi le go kwadisa Lefelo la Thuto ya Bana bao ba Iseng ba Tsene Sekolo (ECD)

Tikwatikwe ya ECD kgotsa kheretšhe ke lefelo le le tlhokomelang bana ba feta ba le thataro ba dithuto tsa pele ga tsa sekolo mo kgaolong e e rileng ya letsatsi kgotsa ya bosigo. Go tshwanetse go nne le tumelano magareng ga mong wa kheretšhe le batsadi kgotsa batlhokomedi ba bana,
Fa e le gore o tlhokomelela batsadi kgotsa batlhokomedi ba bana bana ba bone ba ba fetang ba le thataro (bao dingwaga tsa bone di ka fitlhang mo go di le thataro) mo diureng tse di rileng tsa letsatsi kgotsa bosigo, kgotsa mo nakwaneng e e khutshwanyana, o ka ikwadisa kwa kantorong e e gaufi le wena ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa ya masepala.

Go tlhoma kgotsa go tsamaisa lefelo la ECD, lefelo leo le tshwanetse go:

  • kwadisiwa le puso ya porofense mo lefelong leo le tla nnang mo go lona
  • laolwa le go somarelwa go ya ka Melakaelo ya Ditikwatikwe tsa ECD
  • obamela maitsholo le maemo a a latelang a bosetšhaba:
    • tikologo e e babalesegileng mo baneng
    • tlhokomelo e e nonofileng ya bana ba ba lwalang kgotsa bao ba fetelwang ke malwetse
    • sebaka se se lekanetseng e bile se tsentsha mowa o o lekaneng
    • metsi a a bolokesegileng
    • lefelo le le senang ditwatsi e bile le na le dintlwanaboithusetso
    • lefelo le go bewang dilo tsotlhe tse di ka ntshang bana kotsi
    • phitlhelelo ya ditirelo tsa go thota le go latlha ditlakala kgotsa mokgwa mongwe o o siameng wa go thota le go latlha ditlakala tse di tlhodilweng mo lefelong leo
    • lefelo le le senang ditwatsi la boapelo jwa dijo tsa bana
    • dikgato tsa go aroganya bana ba dingwaga tse di farologaneng
    • tlhagiso ya maanotiro mo nakong ya tshoganyetso, le
    • go kwala dipholisi le dithulaganyo ka ga tlhokomelo ya boitekanelo mo lefelong leo.

Mafelo a tlhokomelo e se kae ya tlhokomelog bana ba ba nang le makoa a bogole kgotsa malwetse a pakatelele a tshwanetse go:

  • fitlhelelwa ke bana ba ba ntseng jalo
  • abelana ka mafelo a a fitlhelelang ditlhokwa tsa bana ba ba ntseng jalo
  • katisa batho ba ba thapilweng mo mafelong a a ntseng jalo.

Lefelo la tlhokomelo e se kae le ka nna le matshwanedi a go tlamelwa ka matlole go tswa kwa lefapheng fa e le gore le obamela maitsholo le maemo, le fa e le gore le fa setšhabeng seo malapa a tlhokang madulo a a siameng, dijo le ditlhokwa tse dingwe tse di botlhokwa mo botshelong go ka tlamela bana ba bone.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikwadisetse go ikwadisa kgotsa ikwadiso e e ikaegileng ka dintlha tse di rileng tsa Lefelo la tlhokomelo e se kae /ECD kwa kantorong e e gaufi le wena ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa ya masepala mo o tla neelwang foromo ya bo 11 gore o e tlatse.
  2. Kopo ya gago e tshwanetse go nna le tse di latelang:
    • dintlhatshedimosetso tsa gago (nomoro ya lokwaloitshupo lwa gago, aterese le dinomoro tsa mogala)
    • aterese ya bodulo le ya poso ya lefelo la tlhokomelo e se kae
    • palo ya bana ba ba tla tlhokomelwang kelefelo leno
    • makwaloithuto a gago, bokgoni le maitemogelo
    • tlhaloso ya manaane le ditirelo tse di tla abiwang, go akaretsa le maitlhomo le maikemisetso.
  3. Tlisa tse di latelang:
    • leanokgwebo le le nang le tse di latelang:
      • diura tsa tirelo tsa lefelo la tlhokomelo e se kae
      • thulaganyo ya dituelelo
      • leanotlhokomelo la lefelo leno
      • sebopego sa palo le tiro ya bathapiwa
      • pholisi ya kgalemo
    • molaotheo o o nang le:
      • leina la lefelo la tlhokomelo
      • sebopego sa botsamaisi, maatla le ditiro tsa bone
    • khophi ya boammaruri e e atlenegisitsweng ya dipolane tsa meago
    • leano la fa go ka runya tshoganyetso
    • lekwalo le le netefaletsang fa o sena diphoso dipe
    • lekwalo le le netefaletsang fa o obamela melawana ya boitekanelo go tswa kwa masepaleng wa selegae.
  4. Maeto a gangwe le gape a a tlhatlhobang fa maemo a santse a le seriting a a diriwang ke batlhankedi ba Lefapha la Tlhabololo ya Loago le ba kwa masepaleng a tla diragadiwa kwa lefelong la gago.

Go tsaya nako e e kana kang

Go ka tsaya dikgwedi di le tharo gore o neelwe lekwalo la gago la ikwadiso.

Go ja bokae

Ditirelo ga di duelelwe.

Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa

Foromo ya bo 11 e teng kwa kantorong e e gaufi le wena ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago kgotsa ya masepala.

Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

Lenaane la dintlha tsa kgolagano la Lefapha la Tlhabololo ya Loago.

Share this page