Madi a loago a tlhokomelo ya bana ba ba golofetseng

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga madi a loago a tlhokomelo ya bana ba ba golofetseng

Iponele madi a loago go tlhokomela ngwana yo o nang le bogole jo bo masisi mme a tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng ka dinako tsotlhe.

Madi a loago a tlhokomelo ya bana ba ba golofetseng e akaretsa bana ba ba golofetseng ka tsalo go fitlha ba nna dingwaga di le 18.

Tsela ya go bona tumelelo?

O tshwanetse go:

  • bo o le motsadi, motlhokomedi wa konokono kgotsa motsadi wa nakwana yo o tlhophilweng ke kgotlatshekelo
  • bo o le moAforika Borwa kgotsa o le moagi wa leruri wa Aforika Borwa.
  • bo o sa amogele go feta R223 200 ka ngwaga fa o sa nyalwa. Lotseno lwa lona fa le tlhakane ga le a tshwanela go feta R446 400  ka ngwaga fa lo nyetse.

Ela tlhoko: Selekanyo seno sa lotseno ga se ame batsadi ba nakwana.

Ngwana o tshwanetse:

  • a bo a na le dingwaga tse di ka fa tlase ga 18
  • a sa tlhokomelwe leruri mo setheong sa puso
  • a na le bogole jo bo feteletseng le go tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng ka dinako tsotlhe.

Wena le ngwana lo tshwanetse lo bo lo nna mo Aforika Borwa.

Ela tlhoko: Ngaka ya puso e tshwanetse go tlhatlhoba ngwana pele letlole le dumelelwa.

O tla amogela bokae?

O tla amogela R2 080 ka kgwedi.

O tla duelwa jang?

Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) se tla go duela ka nngwe ya mefuta e e latelang:

  • ka madi seatleng kwa ntlheng ya tuelo ka letsati le le rileng
  • go e tsenya ka seeleketeroniki mo akhaontong ya gago ya banka kgotsa ya Postbank (banka e ka nna ya go duedisetsa tirelo eno)
  • setheo se se dirang jaaka motsamaisi wa letlole ( sekao Mekgatlho ya katlaatleloloago).

Ela tlhoko: Fa o sa kgone go ya go tsaya madi ka namana, o ka thapa motsamaisi kwa kantorong ya SASSA, kgotsa wa neela mongwe dithata tsa mmueledi go ya go go tseela madi ano a loago.

Madi ano a loago a ngwana a tla sekwasekwa leng?

SASSA e ka swetsa fa madi a loago a gago a tshwanetse go sekwasekwa. Lotseno la gago jaaka le tlhalositswe fa o ne o dira kopo ya madi a loago le tla tlhama motheo wa tshwetso eno. O tla itsisiswe dikgwedi di le tharo kwa pele ka ga letlha leo tshekatsheko e tla diragalang lona kgotsa letlha leo setifikeiti sa sesupo sa botshelo (tokomane eo e bontshang gore o santse o tshela) e batliwang. Fa o amogela madi a gago ka banka, setheo kgotsa motsamaisi, o tlhoka go tlatsa setifikeiti sa gago sa botshelo kwa dikantorong tsa SASSA ngwaga le ngwaga.

Madi a loago a ngwana a ka kgaotswa fa go diragetse eng?

Tse di latelang di ka baka go kgaotswa ga letlole:

  • fa maemo a ngwana a fetoga
  • dipoelo tsa tshekatsheko
  • fa o retelelwa ke go dirisanammogo ka nako e madi a loago a ngwana a sekasekiwang
  • fa o dira bonweenwee kgotsa o tlhagisitse dintlha tse di seng tsa boammaruri ka ga ngwana
  • fa go ne go na le phoso fa letlole la thuso ya madi le ne le dumelelwa.

Madi ano a loago a tla emisiwa leng?

Madi a loago a tla emisiwa fa:

  • ngwana a tlhokafala
  • ngwana o amogelwa kwa setheong sa puso
  • moamogeladitshwanelo yoo e leng motlhokomedi a sa tlhole a ya go tsaya madi ano dikgwedi di le tharo tse di latelanang
  • ngwana a sa tlhole a nna mo nageng
  • ngwana a tshwara dingwaga di le 18.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela kantoro e e gaufi le wena ya Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) mme o tle ka tse di latelang:
    • Bukanaitshupo ya gago ya dinomoro di le 13 tsa baakhouto le setifikeiti sa matsalo sa ngwana. Fa o sena bukanaitshupo kgotsa setifikeiti sa matsalo:
      • Tlatsa afidafiti ka thulaganyo e e tlwaelegileng ya SASSA fa pele ga Mokhomišenara wa maikano yoo e seng modiredi wa SASSA.
      • Tlisa setatemente seno sa maikano se se saenilweng ke motho yo o nang le maemo (jaaka mokhanselara, moeteledipele wa setso, modirediloago, moruti kgotsa mogokgo wa sekolo) yoo a ka netefatsang leina la gago le dingwaga.
      • Modiredi wa SASSA o tla tsaya kgatiso ya menwana ya gago le go go romela kwa Lefapheng la Merero ya Selegae go dira kopo ya ID fa go santse go mekamekanwe le kopo ya gago. Fa o ka se neelwe ID, letlole la gago la thuso ya madi le tla sekegwa nakwana.
      • Bopaki jwa gore o dirile kopo ya ID le/kgotsa setifikeiti sa matsalo sa ngwana kwa Lefapheng la Merero ya Selegae
      • ID ya nakwana e e rebotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae( fa go tlhokagala).
      • Setifikeiti sa kolobetso fa se le teng.
      • Karata ya tleliniki fa e le teng.
      • Pegelo ya dipholo tsa kwa sekolong fa e le teng.
    • Pegelo ya tlhatlhobo/boitekanelo eo e netefatsang bogole jwa ngwana.
    • Bopaki jwa maemo a lenyalo.
    • Lekwalo la mogolo, diseteitemente tsa banka tsa dikgwedi di le tharo tse di fetileng, kgotsa ditshupatefo tsa phenshene, le bopaki bongwe le bongwe jwa lotseno. (Ela tlhoko: seno ga se ame batsadi ba nakwana ba bafaladi) 
    • Fa o:
      • Se motsadi wa ngwana, bopaki jwa gore o motlhokomedi wa konokono wa ngwana ka maikano go tswa kwa lepodising, pegelo ya modirediloago, maikano go tswa go motsadi ka tsalo kgotsa lekwalo go tswa kwa mogokgo wa sekolo seo ngwana a se tsenang.
      • Batsadi ba tsalo ba ngwana le motshegetsi le motlhokomedi, bopaki jwa gore o lekile go duedisa motsadi yo mongwe madi a kotlo.
      • Botlhokatiro, bopaki go tswa kwa Letlole la Inšorense ya go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) kgotsa setifikeiti sa go tlogedisiwa tiro go tswa kwa mothaping wa gago wa maloba.
      • Motsadi wa tlhokomelo ya nakwana wa bafaladi, lekwalo la tetlelelo la maemo a bofaladia le ID ya bofaladi.
      • Batsadi ba nakwana ba ngwana, taelo ya kgotlatshekelo eo e bayang ngwana mo tlhokomelong ya gago.
      • Tsweetswee ela tlhoko: Fa o tsofetse thata kgotsa o lwala go ka ya kwa kantorong go dira kopo, leloko la losika kgotsa tsala a ka dira kopo mo boemong jwa gago. Motho yoo o tshwanetse go tsaya lekwalo go tswa mo go wena le/kgotsa lekwalo la ngaka le le tlhalosang gore ke goreng o sa kgone go etela kantoro.
  2. SASSA e tla rommela ngwana kwa ngakeng ya puso go tlhatlhobiwa pele kopo e dirwa.
  3. Tlatsa kopo e fa pele ga modiredi wa SASSA (ela tlhoko gore wena jaaka modirakopo kgotsa modiredi wa SASSA ke lona fela le ka tlatsang foromo ya kopo).
  4. O tla neelwa tshupatefo. E boloke jaaka bopaki jwa gore o dirile kopo.

Fa e le gore kopo ya gago ga e atlege?

Fa kopo ya gago e sa atlege, SASSA e tla go itsise ka lekwalo gore goreng kopo ya gago e sa atlega.

Fa o sa dumelane le tshwetso, o ka dira boikuelo go Tona ya Tlhabololo ya Loago kwa kantorong ya bosetšhaba ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, o tlhalosa gore goreng o sa dumelane. O tshwanetse go dira boikuelo mo sebakeng sa matsatsi a le 90 fa o sena go itsisiwe gore kopo ya gago ga e a atlega.

Go tsaya nako e e kana kang

  • Go ka tsaya lobaka lwa dikgwedi di le tharo go mekamekana le kopo ya gago.
  • Fa kopo ya gago e ka atlega, o tla duelwa go tloga ka letlha leo o dirileng kopo ka lona.

Go ja bokae

Tirelo eno ke e e sa duelelweng.

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

Foromo ya kopo ga e teng mo inthaneteng, fela o ka e tsaya kwa kantorong e e gaufi ya (SASSA).

Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena

Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)

 

SASSA Toll free: 0800 60 10 11
Email: GrantEnquiries@sassa.gov.za

 

Share this page